Tona o kopa batsadi go kgalema
17 May 2018
Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Pelonomi Venson-Moitoi o kopile banni ba kgotla ya Mokwena kwa Serowe go leka ka thata go tsenya bana mo tseleng.
Mme Venson-Moitoi o buile jaana mo phuthegong ya kgotla go lekodisana le banni a ba kopa gore ba seka ba tshaba go tsenya bana mo tseleng ka go tsaya karolo mo kgodisong ya bone ntle le go ba itsapela ka e le boikarabelo jwa bone.
“Kgodiso ya ngwana ke mmereko o o bokete mo go gakgamatsang, e batla madi, mashetla le boineelo,” a tlhalosa.
O gakolotse batsadi gore bana ba ka kgona dithuto tsa bone fela fa batsadi ba ka ba emela ka dinao ba ba kgalemela fa ba tswa mo tseleng.
“A re seka ra itlhoboga fa bana ba rona ba supa maitseo a a duleng mo tseleng ka go dira jalo re a bo re latlhela bana ba rona mo mesimeng.”
Fa a lekodisa morafe ka diphetogo tse di dirilweng kwa Palamenteng e e fitileng, tona o supile fa molao wa mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo o fetotswe e bile o gagamaditswe, a supa fa jaanong go sena ope yo o nang le tshwanelo ya go tsaya batho dinepe ba se mo maemong a a siameng a bo a se phatlhalatsa le maranyane.
A re dipalo di supa fa gantsi banana e le bone ba dirang jalo.
“Re lekile ka natla go pega dikatlholo gore batho ba melato ya go nna jaana ba atlholwe go utlwala,” Tona Venson-Moitoi a supa.
A re batho ba tshwanetse ba tlhaloganya gore maranyane ga a a direlwa go tsuolola ditshwanelo tsa ba bangwe, a diretswe go tlhofofatsa ditiro.
O supile fa go ntse gape le melao e le mmalwa e e tlhofofatsang kwadiso ya dikgwebo.
A re go tlaa sekasekwa go bona gore go batla setsha, go tsenya motlakase, metsi le go kwadisa kgwebo, go dirwe thulaganyo ya gore di dirwe ka bofefo ka se se ka thusa go tlhama mebereko.
Tona o supile gape fa go dirilwe diphetogo tsa molao wa matimela go beilwe dinako tse disha tsa go tsaya matimela.
“Molao o fetotswe, fa o batla go tsaya seruiwa sa gago, o tshwanetse go se tsaya letsatsi pele ga go tsoga go rekisiwa pele ga 430pm.”
O ne a tlatsa ka go re khansele ke yone e tlaa tsayang tshwetso ya gore matimela a tlaa rekisiwa leng.
“Khansele e filwe thata ya gore ka bolaya seruiwa fa se le borai kgotsa se lwala, mme go tlhokafala gore ba lephata la temo-thuo ba bo ba le teng,” a tlhalosa.
A re go baakantswe molao wa ditlhobolo go leka go sireletsa kanamo ya tsone, mme go tsile go dirwa melawana ya dintlha tse motho a tshwanetseng go di diragatsa fa a reka mo go yo mongwe, tshutiso e a reng e dirilwe ka ntlha ya gore ditlhobolo di borai, ga di a tshwanela go bewa lolea le go felela mo matsogong a a senang maikarabelo.
Dr Venson-Moitoi o lebogile banni gore ba bo ba thusitse go tsamaisa Tautona wa pele, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama sentle.
Fa ba akgela, banni ba ngongoregetse bonya jwa SHHA.
Ba re ba tlhoka gore dipalo tsa babereki ba Ipelegeng di okediwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 May 2018






