Breaking News

Mposa o tshegetsa ngwao ka mekgabisa

17 May 2018

 Mme Tekoetsile Mposa wa dingwaga tse 56 wa Mogonye  ke mongwe wa bomme ba ba santseng ba tshegeditse ngwao ka go loga mekgabisa ya Setswana.

E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Mposa a tlhalosa fa a tswa kgakala a dira mekgabisa ya setso jaaka ditlatlana, mebanki le dinkgwana, tiro e a saleng a e ithuta mo batsading a sale mmotlana.

A re ka a ne a ratile tiro ya diatla ga go a mo tsaya lobaka gore a ithute go dira mekgabisa.

Mme Mposa a re ka nako ya teng e ne e le monana a na le dikeletso tse di farologaneng, mme a di phuaganya go tswelela a dira mekgabisa eo.

E rile dingwaga di ntse di tsamaya, a tsosolotsa kitso ya gagwe gape.

O tlhalosa gore o ne a ithutuntsha ka go lebelela mo setshwantshong sa motshikhinyego gore ba bangwe ba dira jang ga mmogo le go lebelela mo dipampiring.

A re seo se ne sa mo solegela molemo ka a ne a ithuta botsipa jo bosha ga mmogo le go ithuta go dira mekgabisa e a neng a sa e itse pele.

Ka jalo a tia moko le go gola mo leratong la tiro ya gagwe.

A re mekgabisa eo, o e dira ka setlhare sa mokgotshi se se mofuta wa tlhatlha mme o se tsaya kwa nageng.

O tlhalositse gore tlhatlha ke yone e tlwaelesegileng thata go dira mekgabisa ya Setswana, ka go tlhoka lesego ga e yo mo kgaolong ya gagwe, ka jalo o feletse a dirisa mokgotshi mme keletso ya gagwe ke gore o ka bo a di dirisa tsotlhe  ka nako e le nngwe.

Mme Mposa o tlhalosa gore o dirisa dipente tse di farologaneng go kgabisa, ka gore ka tlholego mokgotshi o mosweu,  ka jalo go botlhokwa gore o fiwe mmala o mosha go kgatlhisa leitlho.

A re o ne a tsena dikgaisanyo tsa mekgabisa ya Setswana ngogola kwa a neng a gapa maemo a ntlha kwa Kanye mo dikgaisanyong tsa kgaolo.

A re o ne logile tlatlana e tona e na le sekhurumelo, mme o ne a ikgapela P3 000.

Ka jalo o ne a tia moko le go feta, a tlhalosa gore mokgabisa oo, o ne wa rekwa ke komiti ya ditlhabolo ya motse wa Mogonye go e abela Tautona Mogweetsi Masisi ka nako e a neng a ile go laela morafe.

A re o ne a nna motlotlo go tswelelela a dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho, ka jalo le monongwaga o tsene dikgaisanyo tsa mekgabisa ya Setswana gape.

A re maduo a dikgaisanyo a tlaa tswa mo dibekeng tse di latelang mme o solofetse go fenya.

Mme Mposa a re ntswa a tsweletse sentle mo tirong ya gagwe, o lebaganwe ke kgwetlho e tshwana le tlhaelo ya bojang ka go le leuba.

A re gape mokgotshi o tsewa kgakala kwa nageng, ka jalo o tlamega go hira ba ba yang go o kgetla.

A re o eletsa go aga ntlo ya Setswana kwa a direlang teng ga mmogo le go baya mekgabisa eo teng go ngoka bareki ga mmogo le go rotloetsa ngwao ya gore dilwana kana mekgabisa ya setso e tshwanetse ya nna mo ntlong ya ditso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : MOGONYE

Event : Potsolotso

Date : 17 May 2018