Breaking News

Ba Tonota ba kopa ditsela

17 May 2018

Banni ba kgotla ya Manyanda kwa Tonota ba kopile go tsenyediwa makgabaganyo a batsamaya ka dinao le go fokotsa mabelo go lwantsha dikotsi tsa tsela.

Ba kopile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tonota, Rre Thapelo Olopeng bosheng.

Fa a lekodisa mopalamente ka kgotlana ya bone, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Tselakgopo Khuwe o tlhalositse fa matshelo a batho a mantsi a gapilwe ke dikotsi tsa dikoloi.

Ka jalo, a re makgabaganyo a batsamaya ka dinao le difokotsa mabelo di ka thusa bakgweetsi go fokotsa lebelo le go thusa le batho go itse fa ba ka kgabaganyang tsela teng.

Rre Khuwe o kopile gape gore tsela e e tsenang mo sekoleng sa Shashe River e baakanngwe ka e na le dikhuti tse dintsi e bile e senyetsa batho dikoloi.

O ne a kopa gore kokelwana ya bone e agelwe meriti fa batho ba tsayang teng dipilisi ka banni ba sokola mo dipuleng kgotsa mo mogoteng.

Gape o ne a bolela fa ba tshwentswe ke borukhutlhi jo bo golelang pele mo kgotleng ya bone, mme a tlhalosa fa mediro e mentsi e diragalang mo metseng le kwa merakeng e le yone e e rotloetsang borukutlhi ka fa  batho ba sena go itshiela nno tagi ba tlhabana ka dilo tse di bogale.

Monni wa Manyanda, Mme Staff Sedimo o ne a supa matshwenyego ka tiego ya mapodisi fa ba begelwa ditiragalo tsa borukutlhi mme a kopa le morafe go thusa mapodisi go lwantsha borukutlhi ka ba se kake ba bo lwantsha ba le bosi.

Fa a araba matshwenyego a morafe, Mopalamente Olopeng o rotloeditse ba komiti ya ditlhabololo tsa motse go dirisa madi a dikgaolo tsa botlhopi a ditlhabololo go tsenya makgabaganyo a batsamaya ka dinao le difokotsa mabelo.

O tlhalositse fa madi a dikgaolo tsa botlhopi a ditlhabololo a dirisiwa go tlhabolola le go baakanya dilo mo motseng, mme a gakolola batsadi go ruta bana boikarabelo mo botshelong  go ikgapha mo go tsa borukutlhi mme ba tshwaraganele go bo lwantsha le mapodisi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Thukuza

Location : TONOTA

Event : phuthego ya kgotla

Date : 17 May 2018