Barui ba Tonota ba ngongoregela kepo ya motlhaba
17 May 2018
Balemi-barui ba botlhaba tsatsi jwa kgaolo ya Tonota ga ba jesiwe diwelang ke batho ba ba filweng diteseletso tsa go epa motlhaba mo nokeng ya Shashe, selo se ba reng se ba baya ka fa mosing e bile se senya noka.
Se se bonagetse mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe mo kgotleng ya Seroto ke tona wa lephata la ngwao, metshameko le tlhabololo banana e bile e le Mopalamente wa Tonota, Rre Thapelo Olopeng.
Fa a bua mo boemong jwa balemi-barui, Rre Maitshwarelo Kgosi o boletse fa noka ya Shashe e le yone motswedi wa botshelo le itshetso mo go bone ka ba dirisa metsi a a tswang mo go yone go nosetsa ditshingwana tsa merogo le go nosa leruo, selo se se ka sekeng se kgonege fa noka e senngwa.
Rre Kgosi o supile fa dinoka di tshwana le ya Tati le Motloutse di bolailwe ke go epiwa ga motlhaba mo e bileng di setse di tletse e bile di medile le ditlhare.
A re ka 2015, ba ne ba ikopanya e le balemi-barui ba Tonota le ba Bokone Botlhaba mme ba bitsa ba lephata la meepo, kabo ditsha le ba bogosi ba bo ba kwalela le tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo, Rre Kitso Mokaila, yo e neng e le tona wa meepo, kgotetso le metsi ka nako eo, ba ngongorega ka go epiwa ga motlhaba mo nokeng, ba bo ba kopa gore go emisiwe ka ba ne ba sa rerisiwa kwa tshimologong.
Rre Kgosi a re ba maswabi ka seo se santse se tsweletse le mo nakong ya gompieno, ntswa noka e senyegela pele.
A re go supagala fa go sena ope yo o ba tsereng tsia.
Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa kgaolo, Rre Thatayaone Moring o kopile Rre Olopeng go tsibogela kgang e ka bofefo le go e fetisetsa kwa go ba ba maleba gore ba bone gore ba thusa balemi-barui ka ba tswa kgakala ba lela ka go fa batho diteseletso gore ba epe motlhaba mo Shashe.
Mo go arabeng matshwenyego a balemi-barui, Rre Olopeng o ne a tlhalosa fa go epiwa ga motlhaba e le kgang e e tshwenyang lefatshe lotlhe, a tlatsa ka go re dikompone tse dingwe di fetisa selekanyo se di se filweng sa go tsaya motlhaba.
O ne a tlatsa ka go re lephata le le lebaneng le tsweletse ka go dira dipatlisiso ka ditena tsa motlhaba wa kwa Kgalagadi.
Rre Olopeng a re ba solofetse gore dipatlisiso di tlaa thusa go araba kgang ya go epiwa ga motlhaba mo dinokeng mme o solofeditse balemi-barui fa a tlaa fetisetsa selelo sa bone kwa go ba ba maleba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Priscilla Kgang
Location : TONOTA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 May 2018






