Breaking News

Baithuti ba lebogela dithuto

17 May 2018

Mothusa Kgosi wa Palapye, Rre Michael Maforaga a re metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati.

Fa a bua bosheng kwa kabong ditlankana ya dithuto tsa go tlhatlhelela banana ka tsa kgwebo, Rre Maforaga  a re go rutuntsha banana ke tsela e e siametseng go tsisa diphetogo.

Kgosi o tlhagisitse banana go tsibogela nako ka gonne nako ke madi.

A re puso e dira gotlhe go thusa banana, sebe sa phiri ke gore mananeo ga a tswelele sentle.

Kgosi Maforaga a re go botlhokwa go latedisa madi a puso go bona gore a dirisiwa ka fa tshwanelong.

Dithuto tseo, tse di neng di rotloediwa ke ba Master Goya Foundation, di simolotse ka Motsheganong a tlhola ga tlhano tsa wela a le lesome le motso. 

Di ne di tsamaisiwa ke The Youth Center Organization (TYCO). 

Banana ba ne ba supa fa botsipa jo ba bo amuleng e le jwa maemo a a kwa godimo ka bo ba butse matlho le go supa fa ba ka kgona go ikemela ka nosi le go ipulela diphatlha tsa ditiro.

Mo boemong jwa baithuti, Mme Gaone Mothudi a re barutuntshi e ne e le ba tlhwatlhwa e bile ba ikemiseditse go ba tlhatlhalela ka botlalo ka tsa kgwebo.

A re se ba se amuleng se tlaa fetola matshelo a bone. 

A re ba ikaelela go itebaganya le seemo sa letlhoko la ditiro ka go simolola dikgwebo tse di ka thusang go thapa bangwe ka bone. 

Banana ba ne ba supa gore boineelo le boikarabelo bo ka thusa mo go tseyeng ditshwetso tse di maleba, segolo jang ka ba le tlala kgologolo mo go tsiseng diphetogo.

Mongwe wa barulaganyi e bile e le morutuntshi, Rre Botsala Morotsi o supile fa dithuto di ne di itebagantse le tsamaiso ya kgwebo, thulaganyo le go kwala keletso kana moalo wa  go ikopela dithuso gammogo le go itse tse mogwebi a di tlhokang go simolodisa kgwebo.

A re kgwebo e agelwa mo maikaelelong a go tokafatsa itsholelo le go tsholetsa serodumo sa banana.

A re banana ba tshwanetse go itse gore ba na le seabe mo tlhabololong ya lefatshe leno, mme ba ka lemoga seo ka go ribolola dbotswerere jwa bone go direla lefatshe e seng gore ba lebe gore lefatshe ke lone le ba direle.

Rre Morotsi o ne a akgolela mopalamente wa kgaolo Rre Moiseraele Goya go simolola letlole la go thusa banana mo dikgwetlhong tse di ba lebanyeng.

O ne gape a leboga barutuntshi ka tiro e ntle e ba dirileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Kabo ditankana

Date : 17 May 2018