Breaking News

Kenewendo o akgola banana

17 May 2018

Tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, Mme Bogolo Kenewendo o rotloeditsa banana go tsena ka mashetla mo mererong ya kgwebo ka maikaelelo le maikemisetso a go tlhabolola le go fetola itsholelo ya lefatshe. 

O buile jaana morago ga go abela banana ba le 322 ba ba neng ba tsene ithuthuntsho ya kgwebo ditlanka kwa Palapye. 

Tona Kenewendo a re o bona banana ba ititeile sehuba go tsisa diphetogo mo matshelong a bone ka go itlhamela ditiro ba bo ba thapa ba bangwe. 

A re banana ba tshwanetse go nna le lesokolela la go batla go ipona ba le kwa mankalankaleng, ka e bile puso e ba eme nokeng go itshimololela dikgwebo ka mananeo a a farologaneng. 

A re ba tshwanetse go lemoga pharologanyo fa gare ga madi a kgwebo le madi a mong wa kgwebo.

Tona a re lenaneo la Economic Diversification Drive (EDD) ke lengwe la matshego a a yang go tshegetsa go nna teng ga dikgwebo tsa mono gae.

A re seo se ka kgonega fa beng ba dikgwebo tse di setseng di itshetletse ba ka ikatumetsa banana. 

Mme Kenewendo a re nako e tsile gore lefatshe leno le ntshe tse di dirilweng mono gae ka bontsi tse gape di ka sosoetsang tsa bo tsa ema nokeng sekano sa lefatshe leno le go le rekisa kwa mafatshing a sele. 

Tona o ne a ama maitlamo a 2036 go fetola ka fa Batswana ba akanyang ka teng mo go itshimololeleng dikgwebo le go di itsamaisetsa.

A re puso e le nosi ga e kake ya kgona.

O ne a gatelela botlhokwa jwa go tshwaraganela dikgwebo, a re wa o esi ga o ele, e bile lerothodi le le lengwe ga le kake la tlatsa letamo. 

Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Palapye, Rre Moisareela Goya o ne a kgothatsa banana go nna pelo telele fa ba simolola dikgwebo. 

Mothusa tona, yo gape e leng mothusa tona wa papadi le madirelo, a re batho ga ba kgone go itshokela kgwebo mme ba kgona go itshokela go bereka. 

A re gore kgwebo e eme ka dinao e tlhoka dingwaga di ka nna tharo go ya kwa go tse tlhano.

A re banana ba seka ba iphitlhela ba latlhegetse mo bodireding, e se batlhami ba ditiro. 

O supile fa puso e itlamileng go tokafatsa le go repisa dikgole mo go direng dikgwebo mme ke gone ka moo lephata la gagwe le neng la itlhaganelela go tokafatsa molao wa go kwadisa dikompone, go kwadisa dikgwebo, paakanyo melawana ya dikompone le kwadiso ya maina a dikgwebo. 

A re tona ya madi le ditlhabololo o ne gape a tlhalosa gore mananeo le melawana eo di a go tlhoka go selwa morago ke bagwebi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Ithuthuntsho ya kgwebo ditlanka

Date : 17 May 2018