Breaking News

Spirit Embassy e abela baithuti

17 May 2018

Kereke ya Spirit Embassy e abetse baithuti ba sekole se segolwane sa Shanganani kwa Tsamaya dikobo, melora, mesangwana ya bomme le tse dingwe, morago ga go amiwa ke molelo o o neng wa senya matlo a basetsana a borobalo Mopitlo a tlhola lesome le bobedi.

E rile a amogela dimpho tseo ka Matlhatso, mogokgo wa sekole seo, Mme Ndinaani Mandevu a tlhalosa fa sekole se ne sa welwa ke seru ka Mopitlo, a tlatsa ka go re ditlhotlhomiso di ne tsa supa fa go ne go na le diphoso tse di diragetseng mo kgokelong ya motlakase mo matlong a borobalo a basetsana.

Mme Mandevu a re go ne go amegile baithuti ba le masome a mararo le bobedi, a tlatsa ka go re molelo o ne wa tlhagoga baithudi ba sena go ya dithutong.

O ne a leboga kereke ya Spirit Embassy go ba tswa thuso, segolo jang ka paka ya mariga e simologa.

“Ke itumela thata go bona batsadi ba re eme nokeng morago ga tiragalo e e masisi e e tlogetseng bana ba rona mo legoeleleng, ke leboga thata le lorato lwa kereke ya Spirit Embassy,” ga bua mogokgo.

Batsadi ka go farologana ba ne ba supa fa ba tletse boitumelo go bo dikeledi tsa bana ba bone di phimotswe.

E rile a tswa la gagwe, mme Ntomi Sanfole go tswa kwa Mabudzane a tlhalosa fa dipelo tsa bone di ne di gamuketse botlhoko ka ba ne gape ba tshogetse bokamoso jwa baithuti.

A re seru sa go tshwana le se se kgona go nna le seabe se setona mo dithutong tsa bana, segolo jang ba ba amegileng.

Motsadi go tswa kwa Themashanga, Mme Rebecca Matilamba o ne a leboga kereke, a ba kgotlhatsa go tswelela ba supa mowa o montle oo.

Moithuti Game Ishmael le ene o ne a leboga kemo nokeng ya Spirit Embassy, a re go a lebosega go bona batsadi ba na le seabe mo botsogong ga mmogo le thuto ya bone.

Moruti wa Spirit Embassy, Rre Peter Ngoma o tlhalositse fa kereke ya gagwe e na le makalana ka go farologana go thusa Batswana lefatshe ka bophara.

O ne a gomotsa baithudi, a ba lemotsha fa ba na le batsadi ba ba lorato ba ba tlaa tswelelang ba ba ema nokeng ka dinako tsotlhe, go le monate le go le botlhoko.

Rre Ngoma o ne a kgothatsa baithuti go tsaya dithuto ka tlhoafalo, go ikgapha mo go tse di maswe jaaka go goga motekwane ga mmogo le go nwa majwala.

A re seo se ka kgoreletsa dithuto.

O ne a ba rotloetsa go fetola matshelo a bone, go tshelela mo Moreneng, a kaya fa e le ene fela a ka ba fang lesedi mo matshelong a bone.

Maloko a Spirit Embassy ba ne ba phepafatsa matlo a borobalo a a neng a amegile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Othusitswe Khurwa

Location : TSAMAYA

Event : kabo dimpho

Date : 17 May 2018