Breaking News

Ditsela ga di mo ditogamaanong

17 May 2018

Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale o tlhaloseditse banni ba Sechele fa tsela e e gokaganyang Hubona le Letsholathebe e sa akarediwa mo lenaneong la ditlogamaano tsa ditlhabololo la NDP 11.

Rre Butale, yo gape e leng mothusa tona ya botsogo le boitekanelo, o kopile banni ba Sechele go thulanya ditlhogo go tla ka maano go bona gore ba ka lwantsha seemo jang.

Fa a araba dilelo tsa bone, mothusa tona a re fela jaaka go dirilwe tsela ya Matenge, le bone ba ka dirisa bontlha bongwe jwa madi a bone a ba a abetsweng go tlhabolola dikgaolwana, go reka ditena le didirisiwa tse di tlhokegang go itirela tsela.

A re e re ka tsela ya bone e ka se ke e dirwe mo bagautshwaneng jaaka ba eleditse, ba lebisise mogopolo oo thata ka e le one fela o ka ba tswang thuso mo nakong eno.

E rile a buisa phuthego ya kgotla, Rre Butale a re le ntswa seemo sa ditsela tseo se ngomola pelo, ba tlaa nna ba se beile leitlho gore gongwe e tlaa re mo ngwageng tse pedi tse di tlang, fa go dirwa tshekatsheko ya bogare jwa ditlhabololo e tlaa akarediwa kana gongwe fa seo se ka retela, e ka akanyediwa mo ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa lenaneo la NDP 12.

O tlhalositse fa lenaneo la ditogamaano le se ke le akaretsa ditlhabololo le dilelo tsa Batswana tsotlhe, a supa fa go bewa leitlho thata mo mafelong a a nang le letlhoko le lentsi, e bile ditsela tsa teng di dirisiwa thata jaaka ya Francistown -Nata.

A re ditlhabololo di dirwa ka go tlhomagana ga botlhokwa le tiriso.

Kgosi Mosikari Sechele wa motse oo o ikuetse mo mopalamenteng gore segolo tsela e e ba gokaganyang le Makaleng e tshelwe mmu gore e tsholetsege gore fa dipula di tshologa e seka ya senyega thata.

O ikopetse gape gore tsela eo e gopiwe gangwe le gape gore badirisi ba kgone go nna ba kgabolela mo mafelong ao, ntle le dikgoreletsi dipe ka tota seemo sa yone e se se se itumedisang.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Elijah Joseph o ne a tlatsa ka go kopa gore segolo go ntshiwe lekoko go sekaseka seemo sa ditsela tsa bone gore go bonwe gore ba ka ikemela ka dinao jang.

Rre Moraka Nfichani le ene o ne a supa fa ditsela di kgoreletsa ditlhabololo go tla mo metseng ya bone.

A re fa seemo sa ditsela se sa itumedise ditlhabololo di nna boutsana ka sengwe le sengwe se tla ka tsela.

O supile gape fa ba le ’bete se molangwana ka ditsela tsa bone, ka e le makgetho a le mmalwa ba ikuela ka tsone mme go sena sepe se se dirwang go tsibogela seemo.

E rile a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa lephateng la ditsela mo Bokone Botlhaba, Rre Ntsosa Ntsosa o tlhaloseditse banni ba motse oo fa ba tlaa tsibogela matshwenyego a mangwe a tshwana le fa go fetang metsi a a leswe teng.

O tlhalositse fa madi e le sekgoreletsi se setona, a supa gape fa lefatshe ka bophara le itemogela kgwetlho e, segolo jang mo diemong tsa ditsela ka bontsi, ka jalo a ba kopa go nna ka tsholofelo.

Mo go tse dingwe, banni ba Makaleng ba ne ba supa fa ba sa tshwaragana sentle.

Ba tlhalositse fa kagiso e le selo se ba se bonelang mo metseng e mengwe.

Rre Ndawa Nkoshwane a re ga go na kutlwano le tshwaragano mo motseng, mme seo se baya morafe ka fa mosing.

O tsweletse ka go re go tlhoka kutlwisisanyo go dia le tsone ditlhabololo.

Banni ba motse ba kopile mothusa tona go ba letlanya gore go nne le tshwaragano magareng ga bone.

Ba re a lebisise le gone gore mosi wa ’kgong tse di metsi o tswa fa kae.

E rile a tsibogela selelo sa banni ba Makaleng, Rre Butale a kopa banni go nna fa fatshe ba itshekatsheka go bona gore ba tsisa kagiso jang magareng ga bone.

A re kagiso, lorato le tshwaragano ke tsone fela di ka ba thusang go fitlhelela maitlamo, ditlhabololo le tse dingwe tse di molemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : SECHELE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 17 May 2018