Breaking News

Tshwaragano ya makhanselara e botlhokwa

17 May 2018

Mokhanselara wa Ditshegwane/Maboane, Rre Tshabahule Kgotlhang o supile matshweyego ka se a reng ke go tlhoka go goga mmogo ga makhanselara a kgaolo-potlana ya Letlhakeng fa ba tsena kwa khanseleng e tona kwa Molepolole.

E rile a akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele-potlana eo, Rre Tlotlo Batlhophi ka Labobedi, Rre Kgotlhang o ne a supa fa go tlhoka go goga mmogo moo go dira gore ditlhabololo tse di lebaneng kgaolo ya bone di felele di isiwa kwa dikgaolong tse dingwe.

Rre Kgotlhang o ne a fa sekai ka madi a a neng a akanyeditswe go fiwa kgaolo ya Letlhakeng go aga matlwana a borutelo kwa sekoleng se sebotlana sa Letlhakeng, mme a felela a isitswe kwa kgaolong ya Mogoditshane/Tlhamaga ka jaana makhanselara a Letlhakeng ba ne ba seka ba nna lentswe le le lengwe go buelela gore madi ao a tle mo sekoleng seo se se mo kgaolwaneng ya Letlhakeng Borwa.

A re se, se diragetse jaana le ntswa sekole seo se tlhokana le dikago tseo ka jaana se tlhaelelwa ke matlwana a borutelo.

Mokhanselara o ne a kopa bakaulengwe go ithuta go beela kwa thoko dipharologanyo tsa bone tsa diphathi tsa dipolotiki fa ba tsena kwa khanseleng, mme ba bee dikeletso tsa kgaolo ka bophara kwa pele.

A re seo se ka kgontsha gore mokhanselara mongwe le mongwe a kgone go buelela ditlhabololo tse di mo kgaolong le fa di se mo kgaolwaneng ya gagwe ya botlhophi.

Mafoko ao a ne a gatelelwa ke mokhanselara wa Salajwe, Rre Lopang Sebutlenyane yo le ene a supileng fa tshwaragano ya makhanselara e tshwanetse go bewa pele ga dilo tsotlhe gore kgaolo e kgone go gatela pele.

Mo go tse dingwe, mokhanselara wa Khudumelapye/Metsibotlhoko, Rre Bokopano Tumiso o ne a kopa modulasetilo wa khansele-potlana eo go tsaya loeto lwa kgaolo yotlhe go tlhola ditiro tsa ditlhabololo ka jaana a re dingwe tsa tsone di saletse kwa morago ntswa di raya go le gontsi mo kgaolong-potlana ka bophara.

Rre Tumiso o ne gape a kopa gore go nne go rulaganngwa bokopano jwa makhanselara le mapalamente a kgaolo gore ba kgone go sekaseka ka fa ditlhabololo tsa kgaolo di tsamayang ka teng.

A re se se ka thusa gore ba kgone go thusana dikgwetho di tshwana le tiego ya go fela ga ditiro.

Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakeng Borwa, Rre Opaletswe Mogolwane ene o ne a ngongoregela tiego ya go fela ga matlwana a borobalo a baithuti kwa sekoleng se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng.

A re seo se dira gore bana ba metse e e mabapi jaaka wa Serinane ba tsewe ka bese go ya le go boa kwa sekoleng.

A re bothata bo bifela pele jaaka mo nakong ya gompieno fa base eo e senyega ka jaana bana bao ba patelesega go rwala masigo ka tlhogo go kopa mosepele mo befeting ka tsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : Puisano

Date : 17 May 2018