Leo Schachter e siela Malwelwe metsi
16 May 2018
Kgosi Bokau Tobe wa Malwelwe o lebogetse ba kompone ya Leo Schachter gore ba bo ba gokeletse mafaratlhatlha a metsi go tokafatsa seemo sa metsi mo motseng wa gagwe.
O tlhalosiste fa a solofela gore selelo sa metsi kwa motseng wa gagwe se tlaa fela.
Mogolwane wa kompone ya Water Utilities Corporsation (WUC), Rre Mmetla Masire, o ne a supa fa le bone e le koporase ba itumeletse gore ba bonye batho ba ba ba thusang mo tirong ya go nosa morafe metsi, a supa fa go se motlhofo go bona ba ba ba thusang go dira tiro ya bone.
O kopile banni ba motse oo go somarela metsi, a tlhalosa fa metsi a ba a gokeletsweng ao e le a a nowang ke batho e seng leruo.
Rre Masire o tlhalositse fa metsi a a tswang ka fa tlase ga lefatshe a sa ikanyege, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore a somarelwe, a bo a supa fa ba itumeletse thuso ya madi e ba e filweng ke kompone e e rethefatsang diteemane ya Leo Schachter, a supa fa ba tlaa kgona go nosa batho ba metse ya Malwelwe le Ngware.
Mogolwane go tswa kwa komponeng ya Leo Schachter, Rre Christopher Mamalelala o tlhalositse fa kompone eo, e e rethefatsang diteemane, e sale e direla kwa Molepolole ka 1997.
O tlhalositse fa e se la ntlha ba thusa setshaba mme ba tlaa tswelela ba ntse ba thusa, a bo a tlhalosa fa ba na le babereki ba le lekgolo le masome a mane.
Rre David Greenberg wa kompone ya Leo Schachter, o tlhalosiste fa kompone eo e simolotse ka 1950 kwa Amerika, ya anama le lefatshe go fitlhelela e tla go tsena mo Botswana ka 1997.
O supile fa ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba gokelele Bakwena metsi kwa Molepolole, a supa fa jaanong ba itumeletse gore le banni ba Malwelwe ba kgonne go akola lenaneo le.
Rre Greenberg o supile fa ba tsile kwa Kweneng dingwaga tse di fetang masome a mabedi tse di fetileng, a supa fa maikaelelo a bone e le go betla lefatshe gore le siamele mongwe le mongwe.
Ramaranyane kwa WUC, Rre Seabe Mabua, o ne a supa fa metsi a a nowang kwa Malwelwe e le one a a tlaa bong a nowa kwa Molepolole.
O tlhalositse fa mafaratlhatlha a sediba seo a tlaa bo a iperekisa, a supa fa ba tlaa seke ba bone motho kgapetsakgapetsa fa go sone.
O tlhalositse fa sediba se sentseng se nosa Malwelwe le Ngware se tlaa sala se nosa Ngware fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MALWELWE
Event : Puisano
Date : 16 May 2018






