UCCSA e abela ngwana wa sekole
16 May 2018
Kereke ya UCCSA kwa Molepolole e sa tswa go supa mowa wa bopelotlhomogi le lerato ka go abela ngwana mongwe wa sekole se sebotlana sa Boribamo ditsompelo tsa terata ka letsatsi la Tlhatlogo ya Morena.
E rile a aba dimpho tseo, modulasetilo wa dikhwaere tsa kgaolo ya Kolobeng, Mme Setsha Keetshabe a re e le kereke ba dumela gore tumelo e tshwanetse ya itshupa ka ditiro, ka jalo ba bone go le maleba gore ba ise tebogo kwa Modimong ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
Mme Keetshabe a re ka Tlhakole ba ne ba tshwara dikgaisanyo tsa dikhwaere, mme ba dumalana gore madi a ba a kgobokantseng ba a dirise mo ditirong tsa bopelotlhomogi.
Ka jalo ba utlwalela selelo sa sekole sa Boribano, se se neng se le mo letsholong la go batlela ngwana wa bone dithuso tsa bongaka, morago ga gore go lemogwe gore o lwala diphilo.
A re ka jalo ba ne ba ikopanya le bagolwane ba sekole seo mme ba ba tshepisa gore ba tlaa ba thusa ka go ba rekela didirisiwa tsa terata tsotlhe tsa P5 000 tse di tlaa agelelang setsha se ngwana yoo a tlaa nnang mo go sone.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto kwa moding, Mme Thuso Mothibiwatsone o lebogetse kereke eo go bo e supile bopelotlhomogi le lerato ka go tsaya boikarabelo jwa go fetola matshelo.
Mme Mothibiwatsone a re seo ke sesupo sa gore kereke e kgathala ka matshelo a batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
A re e le ba lephata la thuto ba ne ba tshwaragana le sekole sa Boribamo mo go batleng setsha se sesha sa bonno ka gore ba bongaka ba ne ba tlhalositse gore ba eletsa gore ngwana yo, a nne mo lefelong le le babalesegileng fa a tswa go dirwa learo kwa India morago ga dikgwedi tse tharo tse di latelang.
Mogokgo wa sekolo seo, Mme Setabogi Segadimo o lebogetse dimpho tseo tsa terata ga mmogo le madi a mofago wa ngwana.
A re e le sekole ba ne ba lemoga gore mongwe wa baithuti e bong Kebareng Mootso, mosetsana wa dingwaga tse di lesome le botlhano o bokoa mo mmeleng, mme ba ikopanya le ba bongaka e le sekole kwa go fetilweng ga lemogwa gore ka nnete ngwana yo o na le bolwetse jwa diphilo.
Mme Segadimo a re ka e le barutabana e bile e le bone ba nnang nako e ntsi le bana kwa sekoleng, ba ne ba lemoga gore ngwana yo ga a tshwane le nako tsotlhe ka e bile nako tse dingwe o ne a atle a ruruge mmele le go supa makoa a mangwe mme ba tsibogela seemo seo.
O ne a tlhalosa gore ba lelwapa la ngwana yo, ba ne ba ise ba lemoge bokoa jwa ngwana e bile gape ba sa tsee gore o ka tswa a lwala bolwetse jo bo tlhokanang le go potlakelwa.
Ngwana yo le mmaagwe ba ile India kgwedi eno e le lesome le boraro mo mosong gore mmaagwe a tle a mo abele philo.
Mme Segadimo a re seemo seo se ne sa ba fa boikarabelo jwa go bona gore ba tsenya letsogo mo go thuseng ngwana yo ka tlhoafalo.
A re mo nakong ya gompieno ba setse ba kgobokantse dididirisiwa di le mmalwa gore ba tle ba age ntlo e ngwana le mmaagwe ba tlaa nnang mo go yone fa ba boa kwa India.
A re mo nakong ya gompieno ba setse ka dididisiwa tse di rulelang kago eo, mme ba solofetse gore bangwe ba ba tswe thuso.
O weditse ka go kopa ba ba kgonang go ba thusa ka sengwe le sengwe se ba ka thusang ka sone gore ba seka ba ipona tsapa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kabo dimpho
Date : 16 May 2018






