Breaking News

Tshwarang le ise lefatshe kwa pele

15 May 2018

Moemedi wa pele wa lefatshe la Botswana kwa Amerika, Mme Tebelelo Seretse o galaleditse baithutela booki ba sekole sa (IHS) sa Serowe go bo ba supile lorato le go kgathalela setshaba se ba se direlang ka go tsibogela letlhoko la bone.

O buile jaana kwa tholong ya ntlo e e agetsweng lelwapa le le tlhokileng lesego kwa motseng wa Mogorosi bosheng.

Kago ya ntlo e, ke bontlha bongwe jwa ditlhatlhobo tsa baithuti bao.

Mme Seretse a re baithuti ba, ba kgonne tiro e ka lorato e seng sepe gape.

A re se ba se dirileng se tsamaelana le letshego la tebelopele ya lefatshe leno la tshaba e e boutlwelobotlhoko e bile e tletse lorato.

Mme Seretse o ne a ba galaletsa gore ntswa gantsi batho ba ngongoregela dilo di le mmalwa, baithuti ba, ba supile fa seo se ka seke se ba eme pele go dira pharologanyo mo matshelong a ba ba nang le letlhoko.

A re baoki le barutabana ba santse ba lebaganwe ke dikgwetlho di le mmalwa jaaka go bereka dioura tse ditelele le go sa duelelweng tiro eo.

Ntswa go na le matshwenyego a, Mme Seretse o ne a rotloetsa baithutela booki ba go tshwara ka mashetla fa ba leng teng gore go bonale.

Mme Seretse a re banana ba lefatshe leno ba lela ka letlhoko la tiro.

A re ba akgola Tautona Mokgweetsi Masisi go bo a supile fa letlhoko la ditiro la banana e tlaa nna dingwe tsa dikgang tse a tlaa itebaganyang le tsone.

A re ba tlaa gakologelwa ka tiro eo.

O ne a gakolola baithuti ba go baya lefatshe la bone kwa pele ntswa go itsege gore mafatshe a mangwe a na le mafulo a matalana.

Mme Seretse a re keletso ke gore mo tsamaong ya nako go nne le go itebaganya le tiro e motho a e ithutetseng gore Batswana e nne tshaba e e botoka.

Mme Seretse a re ntswa a ne a na le pelaelo ya gore baithuti ba, ba tlaa kgona go aga ntlo mo dibekeng tse thataro, o ne a lemoga maikaelelo a bone ka ba ne ba kgonne dilo di le mmalwa mo dibekeng tse pedi, selo se se neng sa mo kgothatsa go itshwaraganya le bone.

O ne a tsibogela itemogelo ya baithuti ba, ya gore motse wa Mogorosi o amilwe thata ke mogare le bolwetse jwa segajaja, jo bo rotloediwang segolobogolo ke tiriso ya nnotagi.

A re ka jalo baithuti ba, ba ba hile mhago wa go bona gore ba fetola seemo se.

O ne a konotelela ka go rotloetsa baithuti go tswelela ka mowa o, a re ba itse gore go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

Fa a afa maikaelelo a tiro e, moithuti Mme Thato Ramosesane o ne a re ba ne ba sekaseka metse e le masome mane, mme ba lemoga fa lelwapa le le na le letlhoko la boroko, mme ba bona go tlhokafala gore ba dire sengwe go busetsa seriti sa bone ka go ba agela.

Mme Ramosesane a re ntswa ba ne ba sa tshwara sepe, ba ne ba itela mo morafeng go ba ema nokeng, go bona gore toro ya bone e a atlega.

A re ba ne ba segofala ka morafe o ne wa ba tswa thuso, le gone go bona moithaopi go aga ntlo eo.

Mogolwane wa baoki, Mme Margaret Ramaphane o ne opela bomonnawe legofi a ba rotloetsa go tshwara moono o, a re ba itse gore ba tlogetse letshwao mo Mogorosi.

O ne a ba gakolola gore ba seka ba lebala mowa o wa go direla setshaba fa ba setse ba bereka, a re booki ke tiro ya tlhwatlhwa, e bile e tlhoka mowa wa neelano le lorato.

A re ba seka ba direla tiro ya mofuta o matshwao fela.

Mo kamogelong ya mpho e, Mme Mmabunnyo Keolapile le Rre Gabautswele Ponafalo ba ne ba lebogela mpho e, ba re e ba dirile batho.

Ba ne ba re se baithuti ba ba se dirileng se segolo mme e bile se tlaa itsege. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lucretia Chima

Location : MOGOROSI

Event : Kabo ya Ntlo

Date : 15 May 2018