Borre ba boitseme - dipatlisiso
15 May 2018
Dipatlisiso tsa botsogo di supa fa borre ba le maoto a tshupa go itlhatlhobela mogare wa HIV kana go ya go itekodisa kwa go ba botsogo.
Se se builwe ke molomaganya ditiro tsa bolwetse jwa HIV/AIDS wa Selebi Phikwe, Rre Shathiso Daki mo potsolotsong le BOPA bosheng morago ga go ipelela letsatsi la botsogo mo kgotleng ya Leseding.
Rre Daki o ne a supa fa toropo ya Selebi Phikwe e tsweletse ka go tlhatlhoba le go gasa melaetsa ka thibelo le kalafi ya HIV.
A re ka 2017, batho ba le 11 000 ba ne ba itlhatlhoba, mme monongwaga go simolola ka Hirikgong go ema ka Mopitlo go itlhatlhobile batho ba le 3 154 mme bontsi e le bomme.
O ne a supa gore batho ba ba mo diritibatsing ba 11 267 mme mo go bone 6 956 ke bomme fa borre ba le 4 311, mo go supang kgatelopele ya bomme mo go tseeng boikarabelo ka botsogo jwa bone.
Ka lenaneo la loaro lwa borre, o ne a supa gore borre ba le 589 ba ne ba dirwa learo ka 2017 mme maikaelelo ngwaga ono ke go dira ba feta sekete.
Fa a bua ka malwetse a dikobo, Rre Daki a re go simolola ka Hirikgong go fitlha Mopitlo 2018 a tshwerwe mo bathong ba le 524, bontsi e le bomme.
O ne a tlhalosa gore ba lebanwe ke kgwetlho ya batho ba ba emisang kgotsa ba ba tlodisang go tsaya diritibatsi, a re seo se baya matshelo a bone mo kotsing, a tlatsa ka go re seo ke go senyetsa setshaba.
O ne a wetsa ka go akgola lenaneo la thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng ka le bolokile matshelo a masea a le mantsi le fa go na le makgwere fale le fale jaaka bomme bangwe ba emisa kalafi fa ba amusa.
Fa a lebagana le tsa go sa ikwadisetsa boimana le go sa itlhatlhoba ga bomme fa ba imile o ne a tlhalosa gore seo se bolaya maiteko a puso a go sireletsa masea.
O ne a rotloetsa setshaba go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone.
Go tswa kwa ofising ya botsogo jwa setshaba, Mme Tebogo Masale o ne a rotloetsa setshaba go somarela tikologo go fema malwetse a a ka amang botsogo jwa bone.
Mme Masale o ne a ba rotloetsa go ela tlhoko se ba se jang, bogolo jang mafura, letswai, nno-tagi le motsoko ga mmogo le dikakanyo tsa bone ka di ba baka makoa a tlhaloganyo.
O ne a gakolola Batswana go nna ba bona ba botsogo fa ba sa ikutlwe sentle, go nwa metsi a mantsi le go itshidila mmele ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka go re, setshaba se se itekanetseng ke setshaba se se itumetseng.
Mokhanselara wa Leseding, Mme Phemelo Nthwane o rotloeditse banni ba Selebi Phikwe go dirisa ditlamelo tsa botsogo le go tshwaraganela ntwa kgatlhanong le HIV/AIDS, ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Potsolotso
Date : 15 May 2018






