Monna o thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso
15 May 2018
Monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi o tshegeditswe ke mapodisi a Kanye go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo e mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe a thubeditsweng.
Fa a bua le BOPA mo potsolotsong, Ramapodisi a Kanye, Supt. Mmoloki Mogale o tlhalositse fa mmelaelwa a kopane le mosetsana mo maranyaneng a Facebook, mme wa rre a kopa wa mme lorato mme wa mme a dumela gore baratane.
O buile fa bobedi joo bo ne bo nna bo buisanya fela ka maranyane, mme ba sa itsane, go fitlhelela wa rre a kopa wa mme gore a mo etele mo Kanye, mme mosetsana a dumela.
“E rile ka di 22 tsa ga Moranang ka nako ya borataro mo maitseboeng, wa mme a emelela kwa Kumakwane a tla Kanye fela jaaka nne go dumalanwe. Fa a goroga mo Kanye a leletsa wa rre gore o gorogile, mme wa rre a mo kopa gore a pagame taxi e mo ise go bapa le fa a nnang teng, mme ga diragala jalo,” Supt. Mogale a tlhalosa.
Supt Mogale a re fa bobedi joo bo kopana, wa rre a kopa wa mme gore ba iphokise phefo ka jaana kwa ga bone go na le bagolo.
“Bopedi joo bo ne jwa iphokisa phefo, fa ba ntse ba tsamaya ba feta fa go leng sekgwa teng, mme wa rre a itseela dikobo ka dikgoka mo mmeng yoo, mme morago a sia a tlogela mme yoo foo mo lefifing,” ga bua jalo ramapodisi.
Supt. Mogale a re mmelaelwa o mo diatleng tsa bone go ba thusa ka ditlhotlhomiso.
Ramapodisi o tlhalositse gore fa mmelaelwa a ka bonwa molato wa go itseela dikobo ka dikgoka o tlaa atlholwa dingwaga tse di lesome go ya kwa go tse di lesome le botlhano fa go ka fitlhelwa a na le mogare.
E re dikgang di eme jalo, Supt Mogale o tlhalositse fa go simolola ka Hirikgong go ema ka Mopitlo ba kwadisitse dikgang tsa dipolao di le tharo, tsa go itseela dikobo ka dikgoka di fera bongwe.
O kopile setshaba go itlotla le go dirisa maranyane sentle, gonne bontsi ba dirisetsa maranyane dilo tse di sa siamang jaaka go batlana marato, mme marato a teng e se a buammaaruri.
O kopile setshaba go itlhokomela ka nako tsotlhe le go emisa go dirisana le batho ba ba sa ba itseng gonne go le borai. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 15 May 2018






