Breaking News

Mogolwane o gakolola badiragatsi go itshwara

15 May 2018

Banana ba kgaolo ya Kweneng ba gakolotswe go ikgapha mo tirisong ya ditagi ka jaana di na le seabe mo go senyeng matshelo a bone.

Kgakololo e e ntshitswe ke modulasetilo wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi, jaaka a ne a amogela bagaisani ba ba neng ba tsile go tsaya karolo mo dikgaisanong tsa mantshano tsa malatsi a ga Tautona tsa moopelo wa dikhwaere le mabelo kwa Letlhakeng bosheng.

Rre Batlhophi o tlhalositse fa maikaelelo a dikgaisanyo tseo e le go ntsha banana mo mekgwatheng ga mmogo le go ba thusa go aga bokamoso jo bo tsepameng, mme a tlhalosa fa e tlaa bo e le kgatlhanong le maikaelelo ao fa banana ba ka dira makgaphila nako ya metshameko eo ka go ipolelela gore botsadi bo setse kwa malwapeng.

O tlhalositse fa banana e le bone ba dirang bontsi jwa palo ya batho ba lefatshe leno, ka jalo go ba tsenya mo tseleng ka metshameko e tshwana le ya dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona e le tsela nngwe ya go nonotsha boeteledipele jwa kamoso.

E rile a tlhalosa maikaelelo a dikgaisanyo tseo, molomaganya mananeo a banana mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Mme Felicity Nyoni a tlhalosa fa kgaolo potlana eo e le motlotlo ka jaana dikgaisanyo tseo e ne e le tsa bone ka tatelano e ntse e di tshegetsa ka matsetseleko.

O tlhalositse fa maikaelelo e le go ribolola botswerere mo bananeng, mme a ba gwetlha gore ba seka ba felela fela mo dikgaisanyong tseo, mme ba ititee ka thupana gore bokgoni jwa bone bo bonale le kwa mafatsheng a sele.

O ne a fa sekai ka moletsi wa karata go tswa mo motseng oo, Rre Solly Sebotso, yo a reng o kile a lalediwa go ya go letsa kwa mafatsheng a tshwana le la China, mme e bile a ntse a tsweletse ka go lalediwa go diragatsa mo meletlong ka go farologana lefatshe leno ka bophara, morago ga gore botswerere jwa gagwe bo ribololwe ke dikgaisanyo tseo.

Mme Nyoni o ne gape a gakolola bagaisani bao gore ba ithute go nna ba tsaya malebela mo go ba bangwe e le tsela ya go ikgodisa.

Mokhanselara wa Letlhakeng Borwa, Rre Opaletswe Mogolwane ene o ne a kopa banana go nna ba tsenelela dikgaisanyo tseo ka dipalo tse di kwa godimo ka e le yone fela tsela ya go ka supa fa di atlega.

O ne gape a ba kopa go nna ba tsaya le go diragatsa dikgakololo go tswa mo baatlhoding ka jaana di ka ba thusa go itokafatsa.

Mongwe wa baatlhodi, Rre Ontiretse Baipidi o ne a gakolola badiragatsi bao, bogolo jang ba dikhwaere go nna ba tlhama ditlhamo tsa bone tse di pharologanyo, go na le go kopa tsa ba bangwe.

A re matshwenyego a ba nang le one e le baatlhodi ke gore gantsi bagaisani ba tshwana le ba mmino wa dikhwaere ba na le go opela mme kwa mminong ba supe se se farologanang le molaetsa wa pina, mme e bile gape fa gongwe pina ya teng e tlhoke molaetsa o o amanang le setlhogo.

Dikhwaere tse thataro tsa Dintorokong go tswa Metsimotlhabe, Mokwepa go tswa Molepolole, Mosquito ya Kopong, Super Kings le Sundowns go tswa Tshwaane ga mmogo le ya BTC go tswa Sesung di ne tsa iponela phatlha go ya kwa legatong le le latelang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : Dikgaisano

Date : 15 May 2018