Breaking News

Ipaakanyetso ditlhopho e tsweletse

16 May 2018

Mogolwane mo lephateng le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho kwa Francistown, Rre Nyanga Nyanga a re ofisi ya gagwe e malala a laotswe go tshwara ditlhopho tsa poeletso tsa bokhanselara tsa kgaolwana ya botlhophi ya Moselewapula kwa Francistown tse di tlaa tshwarwang ka Matlhatso.

Ditlhopho tse di tla jaana morago ga go tlhokafala ga mokhanselara wa pele wa kgaolwana eo wa phathi ya Botswana Democratic Party (BDP), Rre Lechedzani Modenga ka Hirikgong mono ngwaga.

Rre Nyanga o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore ba dirile tsotlhe tse di tlhokafalang go ka tshwara ditlhopho tseo jaaka go tshwanetse.

O tlhalositse fa ikwadiso ya bontlhopheng ba ba neng ba eletsa go phadisanya mo ditlhophong tse tsa poeletso e dirilwe ka thelelo kgwedi e e fetileng mme diphathi tsa sepolotiki ka go farologana tsa tlhomamisa maina a bontlhopheng ba bone.

A re phathi ya Alliance for Progressives e tlaa emelwa ke Rre Odireleng Ditshotlo, fa Umbrella for Democratic Party e romile Rre Rueben Ketlhoilwe.

Ba BDP bone ba tlhomamisitse Rre Gilbert Boikhutso go ka nna ene morongwa wa bone go ka tshegetsa kgaolo e e neng e le mo diatleng tsa bone.

Rre Nyanga o tlhalosa fa mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2014 go ne go ikwadisitse batlhophi ba le sekete, makgolo a supa, masome a mabedi le botlhano, mme mo palong eo go ne ga tlhopha batlhophi ba le sekete, makgolo a mararo, lesome le borobabobedi.

O bile a kgothatsa banni ba kgaolo ya Moselewapula go ya go tlhopha ka dipalo tse di kwa godimo, a tlhalosa fa tlhopho ya bone e le botlhokwa go ka itlhophela ntlhopheng wa bone yo ba nang le tshepho le tumelo gore o ka nna le kemedi ya motia kwa khanseleng.

O tlhagisitse ba ba latlhegetsweng ke dikarata tsa ditlhopho go iketleetsa go tla go direlwa meriti.

A re ba ofisi ya gagwe ba setse ba dule letsholo go tsena mo kgaolong go direla ba ba latlhegetsweng ke dikarata tseo.

O tlhagisitse fa go ikopela go direlwa meriti ya dikarata tsa go tlhopha go tlaa khutla ka Labotlhano, letsatsi pele ga letsatsi la ditlhopho.

Rre Nyanga o ne gape a tlhalosa fa ba tshwaragane sentle le ba ofisi ya Omang go ka thusa ba ba senang dikarata tsa Omang ka tsela e e faphegileng go fema tiego e e ka nnang teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 16 May 2018