Breaking News

Kwerepe o kgothatsa sekole sa Ngami

15 May 2018

Mopalamente wa Ngami, yo gape e leng mothusa tona wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Thato Kwerepe o kgothaditse baithuti le barutabana  go dira ka natla go fetola maduo a sekole sa Ngami a a sa itumediseng.

Rre Kwerepe o ne a ile go lekola sekole seo bosheng.

O supile fa sekole seo se ntse se bona maduo a a kwa tlase ga masome a matlhano mo lekgolong mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, e bile ba wetse tlase ka go bona masome a mabedi le bobedi mo lekgolong mo ngwageng o o fetileng.

Rre Kwerepe a re o tlhaloganya fa sekole seo se na le dikgwetlho jaaka go tlhaelelwa ke matlwana a borutelo, matlo a boroko a barutabana le dikago tsa bogologolo tse di onetseng.

Le fa go ntse jalo, Rre Kwerepe a re go botlhokwa gore barutabana ba dire bokgoni jwa bone jotlhe gore ba ntshe maduo a a itumedisang, a re maduo ke one lebaka la go nna morutabana.

Rre Kwerepe o ne a ba solofetsa fa a tlaa isa matshwenyego a bone kwa pele gore sekole sa bone se nne mo seemong se se siameng.

Mogokgo wa sekole seo, Mme Onalethatha Lekelandi o ne a itumelela loeto lwa ga Rre Kwerepe.

Le fa go ntse jalo Mme Lekelandi o ne supa fa dikago tsa sekole sa bone di tlhokana le go baakanngwa.

A re matlo a borutelo ka bontsi ga a na mabati le matlo a dithuto tsa maranyane ga a mo seemong sa go ka dirisiwa mo ditekong.

O ne a tlhalosa fa sekole seo se na le palo e ntsi ya baithuti go feta jaaka se ne se tshwanetse, a tlatsa ka go re barutabana le bone ba patelesega go nna mmogo mo matlong ka lebaka la tlhaelo.

Mme Lekelandi a re go na le letlhoko la didirisiwa jaaka ditilo le ditafole.

A re barutabana ba bantsi ba ba sale ba ruta koo dingwaga di feta botlhano go ya kwa go lesome le bobedi.

Morutabana Mpho Setlhare a re barutabana ba kopa tsela mo sekoleng le dipone tsa motlakase.  

A re ba kopa gore lebala la motshameko le tlhabololwe ka le ka thusa go rutuntsha le go epolola botswerere jwa bana.

Fa a latlhela la gagwe, mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Galesenngwe Mohube o ne a ba tlhomamisetsa fa sekole seo se gorogile mo seemong sa go ka baakanngwa.

A re ka jalo o tlaa fetisetsa tse ba di kopileng kwa go ba ba maleba.

O ne a ba kgothatsa go tlhopha tse ba di tlhokang thata mo ngwageng ka madi a sa lekane.

A re o tlhaloganya fa borutabana e le kgwetlho mme a ba rotloetsa go dira ka thata, a tlatsa ka go re maduo a mantle a tsisa boitumelo mo barutabaneng.

A re o tsere kopo ya bone mabapi le baithuti ba ba tswang kwa sekoleng se sebotlana sa Kareng.

A re ba ofisi ya thuto mo kgaolong ba tlaa lebelela dipalo tsa bana gore a ba ka seke ba kgaoganngwe le dikole tse dingwe tse dikgolwane, go fokotsa botlhokatsebe jo barutabana ba lelang ka jone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : SEHITHWA

Event : Phuthego

Date : 15 May 2018