Lesang go ngapangapana - Motlhagodi
15 May 2018
Moeteledipele wa dikereke tsa semoya (OAIC), Moruti Mookami Motlhagodi o gakolotse baeteledipele ba dikereke go tlogela go ngapana ka se se kgoba batho marapo go ineela mo Modimong.
O buile jaana fa a laelana le baruti, diphuthego tsa dikereke tsa semoya le bagolo ba Serowe kwa Kerekeng ya St. Gallery kwa Serowe bosheng.
Moruti Motlhagodi yo a ntseng a direla kwa Serowe o fudugela kwa Gaborone, morago ga go tlhongwa modulasetilo wa sekhukhu sa mekgatlho e meraro ya ditumelo tsa sekeresete kana Botswana Networking Christian Community (BONECCO) e ofisi kgolo ya yone e leng kwa Gaborone mmogo le ya OAIC.
BONECCO e okametse makgotla a le mararo, la OAIC, Evangelical Fellowship of Botswana le la dikereke tsa pholoso (Botswana Council of Churches).
O supile fa a santse a le bete se molangwana ka tirisano mmogo ya dikereke, a gakolola baeteledipele go sala thomo ya bone morago e seng go dira tse di sa ba lebanang.
A re go a tshwenya go bona bangwe ba kala kana ba nyatsa dikereke tse dingwe a re baruti ba tshwanetse go lemoga gore ga gona kereke e e botoka go feta e nngwe ka botlhe e le ba Modimo.
A re fa gongwe bangwe ba latlha tsamaiso mo ba felelang ba kgopakgopana le batho, bogolo jang mo ditirong tse di tshwanang le tsa seso.
A re kereke e tshwanetse go kopa tsamaiso mo lwapeng e seng go laola.
“Go felela go le botlhoko o bona kereke e kojwa mo lesong, ntswa ba tshwanetse gore ba bo ba gomotsa. Ngokang batho e seng go ba kganelela kgakala,” Moruti Motlhagodi a tlhalosa.
A re go a ama go bona dikereke di thubega, mme kgang kgolo e le maemo, a re se, se diga seriti sa kereke le sone sa motho mme a gakolola badumedi go itse gore motho ga a ipee maemo, o bewa ke batho ba lebile ditiro tsa gagwe.
O supile fa go santse go tshwenya gore dikereke dingwe di bo di sa romela dibuka tsa bone tsa madi, fa bangwe ba sa tshware le bokopano jwa ngwaga, selo se a reng se supa fa kereke e sa tsoga sentle.
Moruti Motlhagodi o kopile dikereke tse di santseng e le mekoko go nna maloko a makgotla go ya ka fa tsamaisong ya dikereke tsa bone ka popagano e, e ka leretse dikereke maduo.
A re lefatshe leno ke lengwe la mafatshe a a eletsegang thata, mme kereke e na le seabe se setona mo kagisong, a kaya fa le lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le letlhoko la ditiro, tiriso ya diritibatsi mo bananeng mme tse tsotlhe di tlhoka kereke e e nang le boikarabelo go ritibatsa seemo.
Moruti Motlhagodi a re ba galaletsa Tautona Mokgweetsi Masisi gore a bo a tsibogetse kgang ya letlhoko la ditiro le go lemoga seabe sa dikereke tsa semoya.
A re ba solofetsa go mo ema nokeng gore a fitlhelele tsotlhe tse a ikemiseditseng go di dira.
Moruti wa kereye ya pholoso ya The Global Church of God Moapostolo Pontsho Mochanang a re se moruti a se fitlheletseng go kopanya dikereke ke botlhale jwa Modimo.
A re fa moruti a sa dirise botlhale jwa Modimo, o kgona go thuba kereke le malwapa mme a re Moruti Motlhagodi o kgonne go kopanya batho le dikereke go ka nna ka fa tlase ga moriti o le mongwe.
Moruti Mochanang a re lorato lwa ga Tautona ke lone konokono ya tse a di fitlheletseng.
Mothusa molaodi wa kgaolo- potlana ya Serowe, Rre Coolen Tubego o kgothaditse dikereke go nna le lentswe mo tsamaisong ya lefatshe.
Rre Tubego a re kereke e tshwanetse go itsaya tsia, go kgala masula a tshwana le tshenyetso setshaba mme a re se, se ka kgonafala fela fa kereke e ka kgaogana le bosula.
A re sekeresete ga se go apara dipurapura, go bua ka diteme le go opela monate, a re ditiro tsa tshiamo ke tsone kereke.
O kgadile ba ba etelelang baruti pele, ba batla gore ba dire se se ratwang ke bone.
A re gantsi batho ba go nna jalo ke ba ba nang le madi mme se se baka gore batho ba tlhoboge kereke.
A re moruti ga se wa bangwe mo kerekeng ke wa botlhe.
O kopile dikereke tsa semoya go batla boamaaruri jo bo ka ba bolokang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya Kereke
Date : 15 May 2018






