Breaking News

Moalo o ka thusa go fefosa ditlhabololo

15 May 2018

Modulasetilo wa Khansele ya Kweneng, Rre Jeffery Sibisibi a re ba solofetse fa go wediwa ga moalo wa ditlhabololo tsa Molepolole go tla thusa go tlisa tharabololo ka tiego ya seemo sa ditlhabololo.

Modulasetilo Sibisibi o tlhalositse seno kwa phuthegong ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Mankgwenyane mo Molepolole Bokone bosheng a tlhalosa fa khansele e thapile kompone ya bomaitseanape ya Mosienyane & Partners go ba direla setshwantsho tsa moalo go goboka ditlhabololo di akaretsa ditsela, mesele ya kgopo ya metsi a a leswe magareng ga tse dingwe.

O ne a supa fa mo nakong eno khansele e santse emetse lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go rurifatsa le go fa dikgakololo ka fa ba eletsang selebego sa ditlhabololo tsa Molepolole se ka nna ka teng.

O tlhalosa fa tiego eo, e tlaa nama e kgoreleditse go dirwa ga ditiro dingwe tsa  ditlhabolo ka jaana di tlhoka go akarediwa mo thulaganyong ya moalo jaaka bone e le khansele ba ntse ba dira.

O bile a tlhalosetsa banni ba Mankgwenyane fa e tlaa re mo ngwageng ono wa madi wa 2018/19 kgaolwana ya bone e amogele ditlhabololo di akaretsa go alwa ga ditena ga tsela ya Education Centre-Phalaborwa ka madi a P600 000.

O ne a tswelela a supa fa  dikole tse dipotlana tsa Kealeboga le Bakwena National di ntsheditswe P250 000 go thusa mo kagong ya matlwana a badisa dikago, fa leobo la kgotla ya Lesunyana lone le tlaa agwa ka P300 000.

Dingwe tsa ditiro tse modulasetilo a lekodisitseng morafe ka tsone ke tsa go simolodisa kgokelo ya dipone tsa mo mekgwatheng tse a tlhalositseng fa di tlaa thusa go fokotsa lefifi le seemo sa borukuthli.

A re dipone tse, di itshupile fa di le botoka ka le le lengwe le kgona go bonesa sekgala sa dimmithara tse di makgolo matlhano.

O rotloeditse banni ba kgaolwana ya Mankgwenyane, segolo jang banana go tsibogela go tsenya dikopo tsa ditiro tse tsa ditlhabololo ka jaana e le maikaelelo a khansele go di abela banni ba kgaolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepang Segola

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 15 May 2018