Breaking News

Balemi ba akgola puso

14 May 2018

Batsena thuto-puisanyo kwa sekoleng sa temo sa Farmers Field School ba lebogetse puso mananeo a yone a go ba thusa go ntsha dijo.

E rile fa ba bua mo thuto-puisanyong kwa masimong a Metlhabeng gaufi le Gakutlo bosheng, batsena  dithuto tseo ba e leng balemi ba kgaolo ba ne nankola lenaneo le tshwana la ISPAAD, mme mo godimo ga moo ba supa fa ba lebogela dithuto tse ba di fiwang ke puso go tlhabolola temo.

Ba supile fa dithuto tseo di akaretsa go baakanya mmu pele ga temo, go lemoga dipeo tse di siametseng mmu, tsela ya go lwantsha diji le mhero le tse dingwe.

Ba re go tsena sekole se go ba thusa le gone go tshwaragana ba amogana dikitso, selo se ba reng se ba thusa go ntsha thobo e ntsi.

Ba ne gape ba lebogela bopelotelele le matsetseleko a molemisi wa kgaolo, mme ba re se se ba gwetlha gore ba bereke ka natla go itsa go mo swabisa.

E rile a tswa la gagwe, molemisi yoo, Mme Gabaoitse Tiroyaone a supa fa lenaneo la go rutuntsha balemi e le mothale o mosha wa lephata la temo o le kopileng kwa mafatsheng a mangwe e le tsela ya go fefosa ditirelo tsa bolemisi le go tlhabolola temo.

A re bagolo ke batho ba ba batlang go rutwa ba lebeletse e bile ba tshwara ka mabogo.

A re o simolotse go amogana dithuto le balemi bao ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga o o fetileng.

Mme Tiroyaone a re mo baleming ba gagwe go na le ba ba thusitsweng ka mananeo a mangwe a puso a tshwana le a Nyeletso Lehuma le LIMID mme a re dithuto tse di ba thusa thata mo e bileng ba kgona go ntsha thobo e e oketsang dipoelo.

O kaile fa ba itshwaragantse le balemi ba dikgaolo tse dingwe jaaka Mmathethe le Ramogomana e le tsela ya go arogana botsipa, mme a kopa borre le banana go ititaya ka thupana go tsenelela mokgatlho oo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetsae Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE

Event : Thuto Puisanyo

Date : 14 May 2018