Mothusa molaodi o kopa banni gore ba seka ba fela pelo
14 May 2018
Mothusa molaodi wa Bokone Botlhaba, Mme Wapapha Wali o kopile batho ba ba emetseng go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma gore ba seka ba fela dipelo ka ba tlaa felela ba thusiwa.
Mme Wali o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla di tshwerwe ke mopalamente wa Tati Bophirima yo gape e leng mothusa tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, Rre Biggie Butale kwa Matenge, Toteng le Botalaote bosheng.
Banni ba metse eo, ba ne ba ikuetse kwa mopalamenteng tebang le bonya jwa go goroga ga mananeo a nyeletso lehuma kwa metseng ya bone.
Bangwe ba ne ba supa fa ba na le dingwagangwaga ba sekasekilwe mme nako kgolo ke eno.
Ba ne ba supa fa ba setse ba felelwa ke tshepo ka jaana go sena sepe se se dirwang go ba fa tsholofelo ya gore ba tlaa bona thuso.
Mme Wali o ne a itsese banni fa ba tlaa thusiwa go ya ka go tlhatlologana ga dikopo tsa bone fa seemo sa madi se letla, a kaya fa kgaolo ya Bokone Botlhaba mo nakong eno e na le baikopedi ba nyeletso lehuma ba le makgolo a mane le masome a supa le boferabongwe.
O tlhalositse fa baikopedi ba sena go thusiwa botlhe ka nako e le nngwe, a re mo ngwageng ono ba amogetse madi a a ka lekanang go thusa ba le masome a supa le boferabongwe fela.
Le fa go ntse jalo, Mme Wali o ne a gwetlha baikopedi ba nyeletso lehuma go nna ka tsholofelo, a tlhalosa fa ba tlaa tlhomamisa gore mo motseng mongwe le mongwe wa kgaolo go tlaa nna le moikopedi yo o thusiwang monogwaga.
Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kopa gore kokelo ya Makaleng e bereke bosigo le motshegare, ka jaana e le yone kokelo e tona mo tikologong ya bone, mme e bile e thusa metse e fera bobedi.
Ba ne gape ba kaya fa go tlhokafala ngaka kwa kokelong eo, morago ga gore yo o neng a le koo a ye go ikoketsa dithuto.
Fa a araba mababi le ntlha eo, mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo le boitekanelo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Mavis Motshelanoka o ne a tlhalosa fa maiteko a bone a go kopela dikokelo tsa Makaleng le Tsamaya go dira bosigo le motshegare a sa atlega.
A re gore kokelo e dire bosigo le motshegare, go lebelelwa dipalo mme fela go ne ga fitlhelwa dipalo di le kwa tlase.
Mabapi le kgang ya ngaka, Mme Motshelanoka o ne a supa fa ngaka wa Makaleng a le teng mme sebe sa phiri e le go bo a ise a bone boroko.
A re mme fa a ka tswelela a sa bone boroko go ka nna le kgonagalo ya gore a fetisediwe kwa motseng o mongwe, kwa a ka bonang boroko teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 14 May 2018






