Breaking News

Bopelotelele bo botlhokwa mo thutong

14 May 2018

Monana wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi, Rre Boikhutso Sekaba wa Kanye, a re bana ba batla motho yo o pelotelele.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Sekaba yo o tlwaelesegileng ka Uncle Dipopae a re o itebagantse le go ruta bana, mme a tlhalosa fa ba tlhoka motho yo o pelotelele.

A re o ba ruta motshameko o tlhakane le thuto, a tlatsa ka go re o ba thusa ka tiro ya sekole, fa ba e filwe go e tseela kwa malwapeng.

Rre Sekaba a re o remeletse thata mo go ruteng bana ngwao, ka o lemogile gore bana ba malatsi ano ba itse maranyane go na le ngwao.

A re o simolodisitse tiro e ya go dira le bana ka 2015, a tswa Afrika Borwa, o tlhalosa fa e ne ya re a sena go tlogela tiro, a bo a reka di jumping castle le diletso.

A re didirisiwa tse a neng a di rekile tse, o ne a nna a di dirisa maitseboa le maitseboa go ngoka bana, a tlhalosa fa a ne a simolola ka go tlhatlhelela bana dithuto pele ga ba ka tshameka ka tsone.

Rre Sekaba a re batsadi ba ne ba mo atla ka matsogo oo mabedi, ba kgatlhegela tiro e a e dirang, mme ba nna ba rebola bana go nna ba ya go ithuta kwa go ene, ka ba ne ba bona pharologanyo ya bana kwa lwapeng le kwa sekoleng.

O ne a tlhalosa fa a ipapatsa ka go tsena ntlo le ntlwana a ikopanya le batsadi, a ba tlhalosetse ka ditirelo tse a di fang bana.

A re o ithekisa gape le mo dikoleng tse di potlana, a ruta bana metshameko ya setso, maitseo le lorato, mme tse dingwe di ne tsa mo amogela tse dingwe tsa seka tsa mo amogela.

A re seo se ne sa seka sa mo kgoba marapo ka o ne a itse se a se batlang.

A re o ipapatsa gape le mo maranyaneng a tshwana le facebook ka bontsi jwa batho ba dirisa maranyane mo malatsing a se gompieno.

A re o kile a bidiwa ke ba Kopano fm, Motsweding fm kwa Afrika Borwa le ba Botswana Television go mmotsolotsa ka tiro ya gagwe, mme a re seo se ne sa mo nontsha pelo, a bona gore tiro e a e dirang e a bonala mo setshabeng e bo emo tiisa moko.

Rre Sekaba a re tiro e ya go dira le bana ga a a e ithutela gope, ke pelo ya go rata se a se dirang.

A re o bona thotloetso e ntsi mo batsading le ditsala.

O ne a tlhalosa fa a simolodisitse maitiso a Kiddies Festival, a nna ngwaga le ngwaga le a bagolo a a bidiwang Back Tosghela a le o ne a nnang ngwaga le ngwaga.

Rre Sekaba a re o godile mo a neng a felela a oketsa letseno la gagwe, ka dikgwebo tse dingwe di tshwana le ya ditante le ya kolotsana e e gogwang ka koloi.

A re dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke gore barotloetsi ba kgona go mo solofetsa go mo duelela maitiso ba bo ba felela ba sa diragatsa ditumalano, ka jalo o tlaa bo a felela a ituelela.

A re fa sekole se padile, banana ba seka ba itlhoboga ka botshelo, ka gore ga se sone fela se se ka dirang gore ba kgone maitlamo a bone.

A re o eletsa go ipona a rulaganya maitiso a matona a bana, a tlatsa ka go re o batla gape go ipona a na le dithulaganyo tsa bana mo baesekopong tse di itebagantseng le go ba ruta ka modi wa ngwao ya Setswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 14 May 2018