Breaking News

Metlhala ya khumo e mentsi

14 May 2018

Motswana o tlhalositse fa metlhala ya khumo e le mentsi mme e tlhoka ene yo o ka e salang morago.

Thanolo ya seane se, e supiwa ke Rre Mathata Mododo wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi wa Maun yo o itshetsang ka go rekisa dijo.

Rre Mododo o supile fa madi a le mantsi mo mmileng mme a tlhoka batho ba ba nang le maikemisetso a go a latela, e bile a supa fa a dumela fa a bone borekhu fa bontsi jwa banana ba tshabang go tsenya tlhogo teng.

O supile fa a simolotse kgwebo ka 2013 a rekisa dimonamone mo Maun go fitlhelela ka 2016 fa lephata la nyeletso lehuma le ne la mo thusa ka go mo rekela dilwana tsa kapei tsa P15 000.

A re se, se ne sa mo tiisa moko ka gore ke monana yo o ratang kapei go tswa bonyaneng.

O supile fa go le gantsi banana e le batho ba ba sa rateng go rekisa mo mebileng.

“Bontsi jwa banana ba dumela fa tiro ya go rekisa e se ya bone mme ba tshwanetswe ke go tlhola mo dikantorong tse di magasigasi ka ba dumela fa madi a le mantsi mo pusong.”

Mme se ga se se Rre Mododo a se dumelang.

A re o lemogile fa go na le tumelo ya gore tiro ya go rekisa mo mmileng, bogolo jang dijo e le ya bomme mme se e se boammaaruri.

Rre Mododo o supile fa mo letsatsing a dira madi a a molekaneng go ka itshetsa, a tlhalosa gore makalana a puso le one a mo thusa thata ka nako tse dingwe ba mo fa tiro ya go ba apeela, bogolo jang fa ba na le mediro.

O supile fa se se mo fa ledula mo pelong mme se dira gore a tlhokomele kgwebo ka bo tswa pelo.

A re nako e ntsi bankane ba gagwe ba nyenyefatsa tiro ya gagwe mme a kopa banana go itsaya motlhala gore ba itse se tota ba se batlang mo botshelong.

A re fa ba batla go tswelela sentle mo botshelong ba tshwanetse go tsaya kgwebo ka tlhoafalo go sa kgathalesege gore ke kgwebo ya mofuta mang.

Rre Mododo a re ntswa bagwebi ka ene e le bomme, e bile bontsi jwa bone e le bagolo, se ga se mo kgobe marapo ka gore o ipapatsa ka mefuta e e farologanyeng.

A re o tsenya dijo tsa gagwe mo mafaratlhatlheng a sesha mme bontsi bo mo latele kwa a rekisetsang teng ka gore o tsenya le kaedi e e supang faa rekisetsang teng.

O supile fa go ipereka go tlhoka motho yo o itlhaloganyanag a se boitseme mo tirong e bile a tlotla nako.

O supa fa puso e na le mananeo a le mantsi a a farologanyeng, a kgothatsa banana go ka ikemela ka dinao go ithusa ka nako eno e se ya go ka leba mo pusong gore e ba tlhamele ditiro.

Ntswa madi a seke a nna mantsi, Rre Mododo o supile fa go boloka bontlha bongwe jwa dipoelo go le botlhokwa.

A re makalana a a bolokelang batho madi a mantsi, ka jalo ga go na yo o ka reng ga gona banka kwa a nnang teng.

O supa fa go boloka go le botlhokwa ka nako e kgwebo e leng kwa tlase ka yone motho a kgona go thiba diphatlha ka se a se bolokileng.

A re go lemogeng fa dituelo tsa puso di tsaya lebaka go tswa, o feletse a ithuta ka tsa go boloka gore e re a santse a letile lemme go tswa kwa pusong a bo a ntse a tsweletse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oratile Mothibedi

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 14 May 2018