Temo e ka nyeletsa lehuma
14 May 2018
Mongwe wa balemi kwa masimong a Mmakanke mo kgaolong ya Kweneng, Mme Dineo Ithuteng wa dingwaga tse di masome a supa le bongwe (71), a re temo e botlhokwa thata mo botshelong.
A re bangwe ba lemela kgwebo go itshetsa, ka temo e na le dipoelo tse di bogadi bo gaufi, fa ba bangwe ba lemela go jesa malwapa a bone.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Ithuteng a re one a lemile dihekere di le pedi ka P2 000 mme o jwetse magapu, ntshe, makgomane, mmidi, dinawa le ditloo.
A re o itumelela gore nako tsotlhe temo e mo fa dipoelo, ka a rekisa bontlha bongwe le go ipeela, selo se a reng se mo tiisa moko le go feta gore a tswelele a lema ngwaga le ngwaga.
A re o tswa goo-lowe a lema ka Sedimonthole ka a lemogile gore fa a lemile nako eo, dijalo ga di nne le mathata a mantsi a seemo sa loapi.
Mme Ithuteng a re temo o e thusiwa ke bana, a tlatsa ka go re dijalo tsa gagwe di ile tsa nna lesego thata ka di ne tsa seka tsa tlhaselwa ke diji.
A re e re ntswa a bone thobo e e nametsang, o ne a senyediwa ke dikgomo le dipodi tsa meraka e e gaufi. A re seo se ne sa dira gore a leme fale le fale gape go thiba tshenyo eo.
A re kgwetlho e nngwe e nnile go sha ga legora la tshimo lotlhe ka nako ya fa dijalo di ne di sa le dinnye, mme o ne a patelesega go reka terata go agelela tshimo.
Le fa go ntse jalo, a re o ikaelela gore mo dingwageng tse di tlang, a bee ditema ka Ngwanatsele gore a kgone go lema dijalo tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : MMAKANKE
Event : Potsolotso
Date : 14 May 2018






