Thuto ga e golelwe e botlhokwa
14 May 2018
Morutintshi kwa Molepolole, Mme Lorato Mojakgwathe o rotloeditse bagolo go inaakanya le thuto ga e golelwe.
A re le botlhokwa go fetola matshelo a bone.
Mo potsolotsong, Mme Mojakgwathe a re o na le baithuti ba le lesome le bobedi, bomme ba le barataro le borre ba le barataro ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le boferabongwe le masome a supa le bone.
A re dithuto di tsenela kwa sekoleng se sebotlana sa Sebele mme di simolola ka nako ya masome mabedi morago ga nako ya bone go ema ka nako ya masome mabedi morago ga nako ya borataro mo maitseboeng.
A re lenaneo la Adult Basic Education Programme (ABEP) le dira le bagolo ba ba iseng ba tsene sekole gotlhelele.
A re ba ka tswelela ka lokwalo lwa boraro fa ba kwadile lokwalo la bosupa.
A re bagolo bao ba rutwa go bala le go kwala ga mmogo le tiro ya diatla, mme morago lephata la thuto ga e golelelwe le ba ise thutopuisanyo kwa ba ithutang thata ka tiro ya diatla.
O tlhalositse fa bagolo ba fiwa ditlankana morago ga go kwala lekwalo la bosupa go di dirisa go batla tiro.
A re go mosola go ithuta ka gore ba a tle ba nne le beke ya baithuti ba kgaolo ya Kweneng, e e leng gore go tshwarwa dikgaisanyo ka go farologana jaaka tsa go kwala, tiro ya diatla, maboko, dikhwaere le tse dingwe.
O tlhalositse fa dikgaisanyo di efa baithuti sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe ga mmogo le go amogela dimpho go ba rotloetsa fa ba dirile sentle.
A re bangwe bogologolo ba ne ba thapiwa kwa ditirong tse di farologaneng ba sena ditlankana tsa lokwalo la bosupa, mme go nne dingalo gore ba bone tlhatloso maemo.
O tlhalositse fa ba kopana le dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya dibuka le lefelo la dithuto le le botoka fa ba ntse ba tsweletse.
A re gantsi ba a tle ba dirise leobo la kgotla kana sekole mme fa beng ba mafelo ao ba a dirisa go ba itsa go tswelela le dithuto sentle.
A re bagolo ke batho ba ba nang le ditshwarego ka mabaka a dintsho, manyalo le mediro e mengwe, ka jalo di dira gore ba seka ba iponatsa kwa dithutong mo malatsing mangwe.
A re kgwetlho e nngwe e tona ke gore fa dikole tsa bana di tswala, bagolo le bone ba batla go tswala, mme seo se busetse dithuto tsa bone kwa morago. A re e le ba thuto ga e golelwe ba tswelela fela ka dithuto go fitlhelela ka Ngwanatsele.
Mongwe wa baithuti, Mme Gaatlhaleshwe Kgosidintsi a re lenaneo la thuto ga e golelwe le mo solegetse molemo ka a nnile le sebaka sa go itse go bala le go kwala.
A re fa motho a itse go bala le go kwala ga a bonelwe diphiri ke batho jaaka go balelwa melaetsa mo mogaleng wa letheka kana mo dikarateng tsa bongaka.
Le fa go ntse jalo, o rotloeditse bagolo go inaakanya le thuto ga e golelwe gore ba tle ba nne le sebaka sa go itse go bala le go kwala gore ba tle ba bale dipampiri tsa dikgang gore ba itse se se diragalang mo lefatsheng.
O ba rotloetsa go ya thuto ga e golelwe gore ba seka ba tsiediwa ke manweenwee mangwe a a ratang go tsietsa bagolo ka ba re ga ba a rutega. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 14 May 2018






