Breaking News

Morafe wa Toteng o lebogela puso ya batho ka batho

14 May 2018

Morafe wa Toteng kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba lebogetse puso ya batho ka batho e e renang mo lefatsheng leno.

Fa a lekodisa mopalamente wa kgaolo eo, Rre Biggie Butale ka ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya Toteng, Rre Ngwebula Ngwebula o ne a supa fa ba itumelela ka fa botautona ba lefatshe leno ba tsweletseng ka go neelena marapo ka teng go sena dikgogakgogano, a re seo ke sekao sa puso ya batho ka batho.

Rre Ngwebula a re e le banni ba Toteng, le bone ba rolela hutshe batabogi ba lefatshe leno ba ba sa tswang go tsholeletsa folaga ya lefatshe leno kwa godimo kwa dikgaisanyong tsa mabelo tsa Mafatshe a Selekane.

E ntse e le ka lone letsatsi leo, mopalamente o ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Matenge le Botalaote, kwa banni ba metse eo ka boraro ba neng ba lebogela mananeo a puso a a tsweletseng ka go ba tshegetsa.

Ba re mananeo a tshwana la Ipelegeng le la go abela dikgaolo madi a ditlhabololo, a thusa go tukisa melelo mo malwapeng le go tlhabolola metse.

Le fa go ntse jalo, mo letlhakoreng le lengwe banni ba Matenge, Toteng le Botalaote ba ne ba ikuela tebang le dingwe tse di santseng di saletse kwa morago mo metseng ya bone, tse di akaretsang boroko jwa badirela puso, matlo a boroko kwa sekoleng sa Pelaelo JSS kwa Makaleng, bonya jwa go goroga ga mananeo a nyeletso lehuma, tlhaelo ya dipilisi mo dikokelong, phatlalatso ya metsi le matlakase mo metseng gareng ga tse dingwe.

Kwa Matenge banni bangwe ba ne ba supa badirela puso ka monwana, ba re ga ba ke ba etela motse wa bone go ba tlhatlhelela ka ditirelo, ba re ba ba bona fela ka nako e mopalamente a tlang mme mokgwa oo, o busetsa ditlhabololo kwa morago.

Ba re fa badirelapuso ba tsile jaana, ba ba solofetsa ditlhabololo mme phelelong ba tsene ka lenga la seloko.

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Matenge, Mme Letsogile Mbangiwa o ne a kopa gore ba thusiwe ka setlhopha sa tonto tshipidi gore ba kgone go bula bananyana matlho pele ba ya go simolola lekwalo la ntlha.

Modiri mongwe yo o direlanag mo kgotleng ya Matenge, Mme Lesego Matembe o ne a ngongorega ka letlhoko la diofisi tsa kgotla gammogo le go tlhoka mophepafatsi.

A re seemo se se ba pateletsa go pataganela ofisi le mokwaledi le gone go iphepafaletsa diofisi tota.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Botalaote, Mme Thapelo Madziba o ne a kopa gore go dirwe ditotoma mo tseleng ya Sebina/Masunga go lebagana le sekole se sebotlana sa motse, go sireletsa bana mo dikoloing, tse a boletseng di taboga ka lebelo le le kwa godimo.

Banni bangwe ba ne ba ikuela ka borukutlhi mo motseng, ba supa fa mapodisi a le maoto a tshupa go tsiboga fa ba begelwa.

Le fa go ntse jalo, Sergeant Ditshebo Motswedi wa kampa ya sepodisi ya Masunga o ne a kgalemela banni kgatlhanong le go bipa mpa ka mabele, a re fa ba ka emisa mokgwa oo, ntwa kgatlhanong le borukutlhi e ka fenngwa.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, yo e leng mothusa tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, Rre Biggie Butale o ne a tshepisa banni fa ba tlaa leka ka bojotlhe go tokafatsa ditirelo tsa botsogo, bogolo jang go itebagantswe le tlhaelo ya dipilisi le boroko jwa bodiredi.

Rre Butale o ne a ba itsese gape fa mo kabong ya madi ya monongwaga, tona wa madi le ditogamaano a seegetse P19 billion kwa thoko go dirisiwa mo ditlhabololong.

A re fela ba tshwanetse ba itse fa ditlhabololo di ka seke tsa dirwa tsotlhe ka nako e le nngwe.

O ne a tlhatlhelela banni ba kgaolo ya gagwe ka melawana mengwe e e sa tswang go fetisiwa kwa palamenteng, a bo gape a ba gwetlha go tla ba netefatsa gore ba ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba, mo ikwadisong e  e tlaa simologang ka Lwetse go fitlhelela Ngwanatsele a le lesome le motso monongwaga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego

Date : 14 May 2018