Thomas a re go tsofala yo o ratang
14 May 2018
Fa motho a ikaeletse go dira selo mo botshelong o se dira ka pelo yotlhe e bile a sa kgorelediwe ke dingwaga.
Mafoko a, a supa botshelo jwa ga Mme Pelonomi Thomas yo o dingwaga tse di masome a supa le botlhano yo o inaakantseng le go loga ditlatlana, dihutshe le diphate a dirisa dikhakha le ditlhare.
Mme Thomas yo o tlholegang kwa Mosweu mo kgotleng ya Molapi, o tlhaloseditse BOPA mo potsolotsong bosheng gore tiro e o sale a e ithuta mo go mmaagwe yo o sa tlholeng a le mo botshelong.
A re mmaagwe e ne e le mogwebi wa popota wa mekgabisa e e dirilweng ka dikhakha mme kgwebo eo e ne e le yone a neng a ba tlamela ka yone.
Mme Thomas yo o tlwaelesegileng ka leina la Mma Boikobo o supa gore go inaakanya le kgwebo e, e ne e le go e tsaya e le tsela nngwe ya go direla bana ba gagwe ba bane letseno gore kgabagare a seka a tsoga a fetoga morwalo mo go bone.
Letsatsi lengwe le lengwe Mme Thomas ga a ipone tsapa go tsamaya le Mosweu a sela dikhakha tse di latlhilweng mme a di dirise go loga dithoro le diphate.
O tlhalositse fa kgwebo e ya gagwe e thusa mo tshomarelong ya tikologo ka e rotloetsa bophepa.
‘Fa banake ba ntletse mopako ka dikhakha ke a di tsaya ke di tsenya mo tirisong.
O boletse fa go loga e le tiro ya gagwe ya letsatsi.
A re fa a ka tlhola a sa tshwara tse a di logang letsatsi leo o kgona go lemoga gore sengwe sa tlwaelo ga a se diragatse.
A re tiro e ya go loga e mo thusa gape go mo rotloetsa go itshidila mmele.
Mme Thomas a re o ipelafatsa ka talente ya gagwe e a reng e mo fa boleng mo botshelong, a supa fa ditlatlana tse a di logang a dirisa setlhare sa mokolwane se se tlholegang gone mo Mosweu le sa mphika se se mo lwapeng la gagwe.
O boletse fa a ne a lemoga fa a ka itshetsa ka tse a di fitlhelang mo tikologong, selo se a reng se mo tlotlomaditse thata mo motseng ka a ne a gapela motse setlankana sa maemo a boraro mo metseng e e phepa mo karolong ya dikhakha.
A re botswerere jo jwa gagwe o eletsa go bo bona bo fetelela le mo baneng, a tlhalosa fa a eletsa go bo bona bo diragadiwa le mo bananeng ba motse ka ba ka itshetsa ka jone.
Mme Thomas ke sekao gore fa motho a na le talente a bo a e tsaya tsia e ka mo isa golo gongwe.
O bile a rotloetsa bagolo jaaka ene gore ba seka ba nna ka diatla.
A re ba inaakanye le ditiro tse di ka ba thusang go itshidila mmele le go ruta bana maele a go ka itshetsa go leka go fenya letlhoko la ditiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Juliah Kotlhao
Location : MOSWEU
Event : Potsolotso
Date : 14 May 2018






