Breaking News

Boile o rotloetsa banana go tsaya tiro ya diatla ka tlhoafalo

14 May 2018

Banana ba rotloeditswe go tsaya tiro ya diatla ka tlhoafalo, bogolo jang mo nakong ya gompieno e seemo sa letlhoko la ditiro se ileng magoletsa.

Mme Juliana Boile wa kgotla ya Borakalalo kwa Molepolole, o tlhalosa fa se se ka thusa go fokotsa go ntsha banana mo mebileng.

Mme Boile, yo o itshetsang ka go loga, o supile fa go ithuta tiro eo go le motlhofo ka jaana go tlhokana fela le go nna leitlho le le bogale go ithuta mo go ba ba itseng.

O kaile fa a itshetsa ka go kgabisa dilwana tse di tshwanang le dibeke tsa bomme le mesese le mekgabisa ka go farologana. Tiro e, o simolotse ka 2001 morago ga go ithuta mo go nkukuagwe.

O  ne a supa fa go na le tswelelopele mo kgwebong ya gagwe, e bile batho ba e kgatlhegela ka e na le boleng jo bo kwa godimo.

A re sebe sa phiri ke gore batho ba rata go rekisediwa dilo tsa boleng jo bo kwa godimo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.

O ne a supa fa e ne ya re ka 2014 a tlhama mokgatlho o o bidiwang Tlang Moriting Support Group mo kgotleng ya Borakalalo, o o akaretsang bomme ba ba tshelang ka mogare wa HIV, ga mmogo le ba masika kana ditsala tsa bone.

Mme Boile o supile fa maikaelelo a mokgatlho e le go kokoanya madi ka go rekisa tse ba di itirelang ka diatla gore ba thusane mo go tshetseng ba malwapa a bone.

Mme Boile o ne a ntsha selelo sa letlhoko la barotloetsi.

A re seo se paledisa dikgwebo tsa bone go itshetlela.

O ne a tlatsa ka go re ba tsweletse ka go iteka lesego mo go tsenyeng dikopo mo mananeong a puso.

O  ne gape a tlhalosa fa nngwe ya dikgwetlho e le letlhoko la dibaga tsa boleng mo Botswana, ka jalo a patelesega go reka dibaga mo mafatsheng a a mabapi jaaka la Zambia. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 14 May 2018