Breaking News

Ba abela ba Mosukwana

14 May 2018

Batsadi le barutabana ba sekole se segolwane sa Mphuthe, ba mokgatlho wa Moabi Trust le kompone ya Logica DSD Consultancy ba abetse morutabana wa sekole seo  P27 500 go ya go ithusa kwa bongakeng jwa diphilo kwa India.

Fa a amogela baeng kwa tirong eo ya go aba bosheng, mogokgo wa Mphuthe, Rre Meshack Sechele o ne a supa fa ba tsile go buledisa monnaabone go ya go bona thuso e e faphegileng kwa India.

Rre Sechele o ne a supa fa ba dumela fa Modimo o le teng, mme o tlaa mo thusa.

Morutabana e bile e le leloko la komiti e e neng e kgobokanyetsa tiro eo madi, Rre Molaakgosi Kebalepile, o ne a supa fa ba tlhomamisetsa boora-Ramosukwana gore ba na le bone go le monate le go le botlhoko.

A re ba leboga Rre Oakantse Ramosukwana go itlama go fa mogolowe philo, a supa fa tshwetso e a e tsereng e le bokete gore motho o ka e tsaya.

O supile fa ba na le tsholofelo le tumelo ya gore Rre Ramosukwana o tla a kgona go boa, go tla go tsweledisa tiro ya gagwe go le monate.

A re fa ba ikaelela go tsweledisa popagano e e renang kwa sekoleng seo, a bo a supa fa ba na le ditsala tse di supileng fa ba tlaa thusa thata ka tsa tshidilo maikutlo.

O supile fa ba ne ba direla sengwe le sengwe mo pontsheng ka jaana madi mangwe a ne a ntshiwa ke batsadi.

Mogoloa Masukwana, Rre Itshwarelele Ramosukwana o ne a supa fa ba leboga monna a bone yo a neng a intsha setlhabelo go abela mogolwe philo, o supile gape fa ba leboga ba sekole sa Mphuthe go kgobokanyetsa monna a bone madi a itshetso. A supa ba tla a netefatsa gore a dirisiwa se se tshwanetseng.

O tlhalositse fa dituelo tsa bongaka di tla a bo di duelelwa ke puso, mme madi a tla a dirisediwe tse dingwe tse a tlaa ditlhokang.

Mme Otlotleng Molatlhiwa go tswa kwa Moabi Trust, o ne a supa fa mokgatlho o simolotswe ka 2013, morago ga gore ba nne le molwetse wa diphilo yo a neng a dira le bone.

O supile fa kalafi ya diphilo e tura mme balwetse ba felela ba palelwa ke go dira tse ditlhokafalang.

O tlhalositse fa ba ne ba bona go le botoka go mo kgobokanyetsa madi go ya bongakeng kwa China, mme ya re a tswa koo a tla a tokafetse thata, a bo a tlhalosa fa gompieno a itekanetse sentle.

Mme Molatlhiwa o tlhalositse fa ba ikaelela go thusa balwetse ba diphilo, segolo thata badiri ka bone le bana ba dikole, a supa fa ba setse ba thusitse balwetse ba le bane, mme ba le babedi ba ne ba tlhokafala.

O supile fa keletso ya mokgatlho e le go fetisetsa kitso kwa bathong mabapi le bolwetse jwa diphilo ka go bitsa batho ba ba nang le dikitso ka bolwetse joo go ba tlhatlhelela.

Mogolwane go tswa kwa Logica DSD Consultancy, Rre Barulaganye Mogotsi, o ne a leboga badiri ba Mphuthe gore se ba se dirileng ke go leka go somarela botshelo jwa motho, go boloka lelwapa loora-Ramosukwana le go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Kabelano

Date : 14 May 2018