Breaking News

Mokhanselara o kgala batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana

10 May 2018

Mokhanselara wa Radisele, Rre Kgosiemang Monare o kgadile batsadi ba banana ba ba ikgatholosang boikarabelo jwa go tlhokomela bana.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, morago ga tiro ya go abela bana ba sekole se sebotlana sa Radisele paka ya sekole ke ba lekgotla la bakgweetsi ba dikoloi tsa modiro wa Mazda, Rre Monare o ne a ntsha matshwenyego a gore batsadi bangwe ba tlogela bana ba bone ba sotlega mme ntswa bone ba kgona go ikgabisa e bile bangwe ba bone ba kgona le go reka dinotagi.

A re go ngomola pelo le go feta ka yone paka e e tsenang ya mariga ka jaana bontsi jwa bana ba tlaa bo ba tshwanelwa ke go ya sekoleng ka kapari e e makgasa e bile bangwe ba sena dijesi. 

Rre Monare a re diemo tsa mofuta o, di na le seabe se segolo mo go sa direng sentle ga bana mo dithutong.

A re go bokete gore ngwana a reetse morutabana ka tlhoafalo a sitwa gongwe e bile a sa rwala le ditlhako.

“Banana okare ba tlhabelwa ke ditlhong bana ba bone, mme kana bana ba ke mpho e kgolo go tswa kwa motlhoding wa lefatshe ka jalo re tshwanetse ra ba rata, ra ba tlhokomela le gone go ba neela thotloetso e e maleba, bogolo jang mo dithutong tsa bone ka jaana thuto e le yone boswa jwa bone ba ka moso,” ga tlhalosa Rre Monare.

Rre Monare a re bangwe ba bone batsadi ba, ba kgona go tlogela bana le basadibagolo mme ba ye go nna kwa ditoropong ba tshela sentle bana bone ba sotlega. 

A re selo seo ga se go sotla bana fela mme ba a bo ba sotla le bone batsadi ba bone tota.

Fa a mo tlatsa, modulasetilo wa mokgatho wa dijanaga tsa Mazda mo Palapye,  Mme Grace Rauwe le ene o ne a supa gore nako e tsile ya gore mongwe le mongwe a emele ngwana wa gagwe ka dinao.

“Bogologolo go ne go itsege sentle gore bontle jwa motsadi bo bonelwa mo ngwaneng ka jalo nako e tsile ya gore rotlhe re tsee maikarabelo a bana ba rona. 

A re boeleng kwa marakanelong a ditsela re beeleng ditlhong kwa tlhoko mme e re fa re sena sengwe re kope dithuso mo go ba bangwe.

“Go a swabisa go bona batsadi bangwe ba phatsima mme bana ba bone ba ntse basetlha. 

A re tseeng boikarabelo re emele bana ba rona ka dinao,” ga tlhalosa Mme Rauwe.

Le fa go ntse jalo, Rauwe o ne a re e le ba mokgatlho wa Mazda, ba tlaa tswelela ba thusa ba ba ’kobo dikhutshwane ka lemmenyana le ba ka le kgonang.

Mo moletlong wa letsatsi, ba Mazda ba ne ba abela bana ba le 27 dipaka tsa sekole tsa mariga, ditlhako le dikausu ba bo ba itlama gore ba tlaa ba rekela maratshe a ditlhako le poletshe e ntsho e ba tlaa e tshasang mo ditlhakong tse ba di abetsweng gore di seka tsa senyega ka pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonte Seepi

Location : RADISELE

Event : potsolotso

Date : 10 May 2018