Breaking News

Monana o kgothatsa ba bangwe go nna pelotelele lorato

10 May 2018

Bopelotelele, boineelo le lorato di ka thusa banana go fenya dikgwetlho le go ba ntsha mo lehumeng.

Monana yo o tlholegang kwa Bogogobo mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Mme Karabo Gaoetswe o kgothatsa banana ka ene go nna pelotelele fa ba sena go ikopela mananeo a puso a a akaretsang YDF, ISPAAD le a mangwe.

Mme Gaoetswe wa dingwaga tse 27 a re o ne a ikopela lenaneo la ISPAAD morago ga go utlwa ka lone kwa Bogogobo ka 2013. 

Morago o ne a ya kwa diofising tsa temo-thuo mo Tsabong go tla go tsenya ikopelo ya dikoko tsa mae.

Mo potsolotsong, Mme Gaoetswe o supile fa a tsentse ikopelo ka 2013, mme a atlega ka 2018 ka Tlhakole morago ga go leta dingwaga di le tlhano.

Mme Gaoetswe o supile fa a filwe dikoko tsa mae di le 50 le didirisiwa tse di tlhokafalang.

A re ntswa go na le tiego ya go thusiwa, o gakolola banana gore ba seka ba ipona tsapa ka jaana a simolotse go bona maduo a bopelotelele jwa gagwe.

O ne a tlhalosa fa banana ba sa kgone go emela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo dikgwebong morago ga go thusiwa ka mananeo mme di felele di tswetswe.

A re ene o na le keletso ya go itshokela kgwebo ya gagwe ka a dumela fa e tlaa mmusetsa mo isagong. 

Mme Gaoetswe jaaka monana mongwe le mongwe o supile fa le ene a kopana le dikgwetlho tse di tshwanang le letlhoko la mmaraka kwa a ka rekisang mae a gagwe teng ka jaana palo ya batho ba Bogogobo e tsena mo seatleng.

A re o setse a simolotse go atolosetsa kgwebo ya gagwe kwa metseng e tshwana le Tsabong le e mengwe ka a dumela fa a ka bona sengwe se se botoka a lebeletse dipalo tsa banni ba metse ya teng.

Morago ga go itemogela fa dipoelo di le kwa tlase mo Bogogobo o ne a simolola go tsamaya metse e tshwana ya Gakhibana, Tsabong le e mengwe e e mabapi a rekisa mae a gagwe. 

O tlhalositse fa go se bonolo go tsamaya mo motseng o tshwana le Tsabong ka gore o na le marekisetso a le mantsi e bile a le magolwane a a akaratseng Shoppers, Trans le a mangwe a le one a rekisang mae ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.

Mme Gaoetswe o tlhalositse fa kgwetlho e tshwana le ya marekisetso a magolwane e sa mo kgoba marapo ka le ene a ne a na le maikeelelo a go emela kgwebo ya gagwe ka dinao.

O tlhalositse fa a bone P600 morago ga thekiso kwa Tsabong mme madi a teng a a dirisitse go reka dibokose tse di tsenyang mae, dijo tsa dikoko le melemo ya tsone. 

A re bana ba ne ba wela mo isong mme fa e sale dikoko di tla o kgona go rekela bana ba gagwe diaparo le go duela metsi, dilo tse di neng di mo ketefalela go di dira pela ga a fiwa lenaneo. 

Mme Gaoetswe a re le ntswa a na le kgwedi tse tlharo a amogetse dikoko tsa gagwe o bona phetogo mo botshelong jwa gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boitshwarelo Tsholofelo

Location : BOGOGOBO

Event : potsolotso

Date : 10 May 2018