Tona o kopa morafe go ema banana nokeng
10 May 2018
Mopalamente wa Mmadinare e bile e le tona wa tlhokomelo lefatshe le kgopo ya metsi a a leswe, Rre Kefentse Mzwinila o kopile morafe go tsenya letsogo mo maitekong a a dirwang ke banana ba Mmadinare.
A re banni ba tshwanetse go rotloetsa dikgwebo tsa banana mo motseng wa bone, a tlhalosa seo kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke ba Mmadinare Meat Festival go abela bana ba le lesome dijo le didirisiwa tsa go tlhapa kwa kgotleng.
Rre Mzwinila o ne a supa fa moletlo wa Mmadinare Meat Festival o simologile ngogola mme o setse o supa kgatelopele ka go kgaogana lemme le ba le boneng le ba ba tlhokang.
A re se se supa mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko.
Rre Mzwinila o ne a supa fa serodumo sa moletlo wa Mmadinare Meat Festival se gola, e bile batho ba ka bontsi ba supile kgatlhego ya go tsena moletlo mo nakong e e tlang.
Rre Mzwinila a re se se dirilweng ke banana ba motse ka go dira moletlo ke go supa kgolo le boikarabelo mo go tlhabololeng motse wa bone le go ama matshelo a ba ba tshelang le bone, mme a kopa dikompone go ba ema nokeng.
E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, mongwe wa barulaganyi ba moletlo oo, Mme Mositi Othusitse a supa fa keletso ya bone e le go ngoka banana ka dipalo tse dintsi, maitlamo magolo e le go fokotsa botlhoka tsebe jo bontsi ka Paseka.
Mme Othusitse o ne a tlhalosa fa moletlo o sa rotloetse banana go dira ditiro tsa go tlhoka tsebe mme maikaelelo e le go rutana ka tsa ngwao le tse di amang matshelo a bone.
Mme Othusitse o ne a supa fa go abela ba ba tlhokang e le tshimologo ya tse dintle tse ba eletsang go di direla banni ba Mmadinare le ba metse e e dikologileng Mmadinare.
Mme Othusitse o ne a supa fa moletlo o sa solegele banana molemo ba le nosi, mme le bagwebi ba ba botlana ba nna le sebaka sa go rekisa go itirela letseno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : kabo dimpho
Date : 10 May 2018






