Breaking News

Banni ba rotloediwa go ntsha loruo mo motseng

08 May 2018

Loruo lo lo gobeyang mo motseng lo a tshwenya, lo leswahatsa tikologo, ka jalo barui ba kopilwe go lo ntsha mo motseng go lo isa merakeng kwa go nang le mahudisetso teng.

Fa a bua mo potsolosong bosheng, moanamisa mafoko wa khansele ya Borwa, Rre Onkabetswe Ntwe a re loruo lo lo tletseng mo mebileng lo kgoreletsa bajanala le tebego ya motse.

O ne a tlatsa ka go re tsela e e ralalang Kanye e ya Jwaneng e e bidiwang trans Kalahari corridor e dirisiwa thata ke bajanala, ka jalo loruo lo lo sailang mo mebileng lo ka ba itsa go jesa matlho monate fa ba feta ka yone.

Rre Ntwe o ne a tlhalosa fa loruo lo lo gobeyang mo mebileng lo le borai ka lo ka baka dikotsi, a tlatsa ka go re  matshelo a batho ka bontsi a feletse mo ditseleng ka ntlha ya loruo lo.

Rre Ntwe a re Kanye o bapile le matlhabelo a BMC kwa Lobatse, ka jalo barui ba kabo ba dirisa lebaka le, ba tlhokomela loruo la bone gore ba tle ba ll rekise ka nama ya boleng jo bo rileng.

O ne a tlhalosa fa loruo lo lo nnang mo motseng lo oja dilo tse di sa siamang jaaka dikhakha le mantle mme di felela di baka malwetse a a tshwanang le a mabele mme lo felele lo sa rekwe ke ba matlhabelo ka nama eo e sa siamela go jewa ke batho.

O tlhalositse gore maiteko a ba a dirang e le khansele ke gore ba simolola go phutha loruo lotlhe lo lo mo motseng ba lo isa kwa lesakeng la matimela kwa Gasita ko lo tlaa tshegediwa dikgwedi di le thataro, mme e re fa beng ba sa tla go lo golola lo rekisiwe ka palabalo.

O ne a tlhalosa fa morui a letlelelwa go ka golola loruo mo kgweding tse thataro pele ga palabalo.

A re ka letsatsi la palabalo morui ga a letlelelwe go golola loruo la gagwe.

A re khasensele fa e tshegeditse loruo go a ba turela ka ke bone ba lo fepang le mekento ka tse dingwe ditla di lwala.

A re maikaelelo a bone e le khansele ga se go batla go gapela Batswana loruo, a supa fa barui ba tshwanetse go disetsa kwa merakeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 08 May 2018