Khansele e simolodisitse molawana wa matlakala
08 May 2018
Bosheng khansele e ne ya simolodisa molao o mosha o o tlamang monni mongwe le mongwe yo o nnang mo kgaolong ya Borwa go nna le tanka ya matlakala mo lwapeng.
Fa a bua mo potsolosong, moanamisa mafoko wa khansele ya Borwa, Rre Onkabetse Ntwe a re ba dule ka mogopolo o ba sena go lemoga fa kgaolo e le leswe, mme mo nakong ya gompieno ba setse ba buisitse diphuthego mo Kanye go tsibosa morafe ka molao o.
Rre Ntwe a re ba ikaelela go tswela kwa metsing e e bapileng le Kanye jaaka Lotlhakane Botlhaba, Molapowabojang, Diabo, Mmathethe le e mongwe go ba lekodisa ka molao o mosha o.
A re ke boikarabelo jwa motswana mongwe le mongwe go nna le tanka ya matlakala mo lwapeng gore a tseelwe matlakala.
O bile a tlhalosa fa ba sa neele Batswana ditanka tsa matlakala, ka jalo ke boikarabelo jwa Batswana go ithekela ditanka gore bone e le khansele ba tseele banni matlakala.
A re motho o ka atlholwa madi a a sa feteng P1 000 fa a sa diragatse molao o, a tlatsa ka go re motho o atlholwa P20 ka kgwedi go tseelwa matlakala ke khansele.
Rre Ntwe a re e le ba khansele ya Borwa ga ba letlelele go epiwa ga dikhuti tsa matlakala mo malwapeng.
A re Batswana ba ikgaphe mo go tshubeng matlakala ka gore ga go letlelelwe.
A re go tshuba matlakala go borai ka go kgotlhela tikologo, a tlatsa ka go re yo o ka fitlhelwang a dira jalo o ka tseelwa dikgato.
Rre Ntwe a re ba tlaa bo ba itshwaragantse le mapodisi go bona gore go gasagasa matlakala ga go dirwe.
A re yo o ka fitlhelwang a tshuba matlakala o ka atlholwa go ya ka bokete jwa matlakala a a tlaa bong a a tshubile P300 go ya kwa go P1 000.
A re khansele e rotloetsa batho gore fa ba na le mediro e e tshwanang le manyalo, diphathi le dintsho ba hirise sekiti gore ba kgobokanyetse matlakala mo teng.
Rre Ntwe a re sekiti se hirisiwa P100 ka letsatsi, a tlatsa ka go re ba dikgwebo ba ka se hirisa P300 ka letsatsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Khumoyame Laetsang
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 08 May 2018






