Dikereke dingwe di leswafatsa tikologo
08 May 2018
Mogolwane wa lekgotla la Organisation of African Instituted Churches (OAIC) Moruti Mookami Motlhagodi o supile fa ba tshwenngwa ke dikereke tse di leswafatsang tikologo.
O buile jaana fa a buisa baruti le baemedi ba dikereke mo phuthegong e maikaelelo a yone e neng e le go tsosolosa lekgotla la baruti mo Lerala bosheng.
Phuthego e, e rotloditswe ke Kgosi Ookeditse Shaw morago ga go lemoga maikarabelo le letlhoko la kereke mo motseng.
Rre Motlhagodi a re barapedi bangwe ba latlhela dibeela tsa bone mo mafelong a morafe, a a akaretsang dithaba, melapo le dikgwa tse di dikologileng metse.
O kaile fa mafelo a tshwana le dithaba, segolo bogolo mo kgaolong ya Tswapong, e le mafelo a bojanala, ka jalo a kgothatsa batsena phuthego go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela tikologo.
A re o itemogetse gore barapedi bangwe ba ba yang kwa dithabeng ka maikaelelo a go rapela ba tlogela tikologo e kgotlelesegile ka dilo tse ba neng ba di dirisa.
A re batho ba ba dirang jaana ke bana ba mo gae le bangwe ba ba tswang kwa ntle ga Lerala.
Fa a bua ka maikaelelo a phuthego eo, Rre Motlhagodi o tlhalositse fa e le tshwanelo gore motse mongwe le mongwe o nne le komiti ya lekgotla la baruti, ka jalo o lebogetse go supa boikarabelo ga ga Kgosi Shaw mo a go dirileng ka go tsaya kgato ya go bitsa baruti go tla go tsosolosa lekgotla le le neng le le mo tseleng ya go swa.
Moruti Motlhagodi a re maikaelelo a lekgotla ke go rotloetsa kagiso le thokgamo mo motseng, ka lekgotla le le bereka thata le dikgosi le dikomoti tsa ditlhabololo tse di mo metseng.
A re o na le tsholofelo gore ka nako ya go tlhopha komiti, batsena bokopano joo ba tlaa tlhopha ka botlhale ba ba dumelang gore ba na le bokgoni jwa go tsamaisa komiti ya lekgotla la baruti.
O kopile botlhe ba ba tlaa tlhophiwang go bereka mmogo e le sekao mo motseng le go leka go bona gore ba ka fema jang mathata a a aparetseng motse wa Lerala le gone go thusa go aga motse oo.
Rre Motlhagodi o ne a itela gape ka go tlhoka tshwaragano ga baruti le dikomiti tse di tsamaisang metse, ka jalo a ba kgothatsa go lemoga se Modimo a se ba bileditseng le go tsaya tsia matshwenyego otlhe a mo metseng ka go tla ka ditharabololo le megopolo e e ka isang motse kwa pele.
Fa ba akgela, batsena bokopano ba ne ba lebogela Kgosi Shaw go rulaganya phuthego ga mmogo le mogolo wa OAIC yo o tlholegang gone mo Lerala go ba neela dikgakololo.
Ba supile fa ba tlaa ema dikomiti tse di mo motseng nokeng ga mmogo le komiti ya lekgotla la baruti e e sa tswang go tlhophiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalethata Malete
Location : LERALA
Event : phuthego ya baruti
Date : 08 May 2018






