Ipaakanyetso moletlo wa Khawa e tsamaya sentle
08 May 2018
Molomaganya mafoko mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao mo kgaolong ya kgalagadi, Mme Betty Gaotilwe a re dipaakanyo tsa maitiso a Khawa Dune Challenge & Culture Festival di tsamaya sentle ka ba sale ba simologa ka go bopa komiti e e tlaa bong e eteletse pele go tlhomamisa gore moletlo o a atlega.
Mme Gaotilwe o buile mafoko a mo dipuisanoyng le BOPA bosheng, a tlhalosa fa ngwaga ono e le wa botlhano moletlo o o wa Khawa Dune Challenge & Culture Festival o ntse o tsweletse ka go tshwarwa, selo se a reng se tlotlomaditse motse oo le go isa kwa godimo serodumo sa kgaolo ya Kgalagadi ka o ratwa bobe ke Batswana lefatshe ka bophara le bajanala go tswa mono le kwa mafatsheng a sele.
A re moletlo oo o tla tshwarwa kgwedi eno e le lesome go fitlha e le lesome le boraro mme ba solofetse dipalo tse di fetang tsa ngwaga oo fetileng tse di fetang dikete di supa.
Molomaganya mafoko mo lephateng la banana, metshameko le ngwao mo Kgalagadi a re gareng ga metshameko e e natifisang maitiso ao mo maitsiboeng e tlaa nna ditlhopha tsa mmino wa mmamoratwa wa polka, setapa, borankana, tsutsube, leboko, dikhwaere, bente, le tse dingwe fa mo motshegareng e tlaa bo e le mabelo a dithuuthuu, dikammela, a batho le gone go oketsa ka o mosha wa mabelo a dikoloi tsa 4x4 di siana ka go dikologa, metshameko ya kgwele ya dinao le e mengwe.
O kaile fa ba solofetse metlaagana e le masome mararo e e phadisanelwang ka khupelekhupele jaaka tlwaelo, maikalelo e le go tokafatsa matshelo, bogolo jang a banni ba Khawa, bagwebi ba babotlana ba mananeo a puso a a farologanyeng le ba ba ikemetseng mo kgaolong ya Kgalagadi.
Mme Gaotilwe a re maikaelelo magolo a Khawa Dune Challenge & Culture Festival le go oka bajanala, go tsosolosa le go tlotlomatsa ngwao ka bodiragatsi le gone go tokafatsa le go tlhabolola matshelo a banni ba koo ka ba kgona go oba letsogo mo thekisong ya dithoto.
Go ya ka Mme Gaotilwe, mo ngwageng ono ba mokgatlho wa baikopanyi wa Trust ya Khawa ke bone ba ba neetsweng boikarabelo jwa go baakanyetsa baeng boroko go tlhoma ditente mo kampeng ya bone gore ba tle ba kgone go bona letseno la madi go tlhabolola Trust eo le motse wa bone.
A re gape mo kgorwaneng go tlaa bo go tswenwa ka matsana fela a e seng a sepe go etleetsa ba komiti ya ditlhabololo tsa motseng oo.
A re gareng ga baeng ba ba solofetsweng go akarediwa Tautona Mokgweetsi Masisi, Tautona wa bone Lt. Gen Dr Seretse Khama Ian Khama, yo e leng ene morotloetsi mogolo mo go tsosoloseng ngwao.
Mme Gaotilwe o boleletse BOPA fa ba solofetse gape tona wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao, mothusi wa gagwe le badirelapuso ba maemo a a kwa godimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : KHAWA
Event : potsolotso
Date : 08 May 2018






