Mogoditshane o tlaa tsenngwa dipone
08 May 2018
Mogoditshane o tlaa tsenngwa dipone tse di bonesang mo mekgwatheng go lwantsha lefifi le le aparetseng motse oo e bile gape le gakatsa borukutlhi.
Se se tlhalositswe ke modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffery Sibisibi fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mogoditshane e le bontlha bongwe jwa diphuthego tse a tsweletseng ka go di buisa mo metseng e e mo kgaolong ya Kweneng.
Rre Sibisibi o tlhalositse fa keletso e ne e le go tsenya dipone tse di bonesang mo ditseleng, mme go sa kgonagala ka mabaka a tlhaelo ya madi.
A re ntswa Mogoditshane a na le mathata a ditsela tse di sa siamang, o bone go le maleba go tla go bolelela morafe ka tse khansele e di dirang le fa go na le tlhaelo ya madi e e sa leteng gore ditlhabololo di dirwe ka nako e le nngwefela.
Le fa go ntse jalo, o kopile morafe go tsenya leitlho mo ditirelong tsotlhe tse di tlaa dirwang go netefatsa gore di dirwa sentle.
E rile ba mo kgwa dikgaba, morafe o ne wa amogela ditlhabololo tse di tsisiwang ke khansele.
Mongwe wa bone, Rre Anthony Serokane o boletse fa a itumelela kgang ya dipone, a tlhalosa fa Mogoditshane a na le palo e ntsi ya batho mo go bakang gore motse o gole mo nakong e khutshwane.
A re dipone tseo di tlaa thusa thata mo go lwantsheng borukutlhi.
O kopile gore ditlhabololo di fefosiwe go lepalepana le kgolo ya motse.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba kaya fa ba na le lesokolela ka mokgwa o ditlhabololo mo motseng di tlang ka teng.
Rre Oleratang Ofetile o kopile khansele ya Kweneng go lere pego ya madi kwa morafeng le gone go direla dilo mo pontsheng.
Mopalamente wa kgaolo, Rre Sedirwa Kgoroba fa a latlhela la gagwe, o boleletse bogogi jwa khansele fa Mogoditshane a na le mathata a ditsela.
A re kwa dikoleng le gone go na le mosuke o o feteletseng.
A re borukutlhi jo bo aparetseng motse oo, bo bakwa ke palo e ntsi ya bana ba ba sa atlegang kwa dikoleng.
Mo go tse dingwe, o gakolotse khansele gore Mogoditshane o tlhoka go direlwa ditlhabololo ka tsela e e faphegileng ka e le motse setoropo e bile o arametse mosi wa batho go tswa toropokgolo.
A re le fa ba amogela dipone e bile ba di itumelela, o tshwenngwa ke gore ditlhabololo tsa go tshwana le tse di tsaya nako go diragadiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOGODITSHANE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 08 May 2018






