Banni ba Rakops ba laela Kgosi Makgatau
07 May 2018
Moemela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Gonkgang Mankgatau yo o gogileng motse wa Rakops go tswa ka 1979, o laetse morafe wa Rakops mo moletlong wa tsamaya sentle bosheng.
Dibui ka bontsi ba bokile Kgosi Mankgatau ba supa fa e ne e le setswerere, a le senatla mo tirong a e dira ka bokgabane le bopelotelele.
Kgosi Baletlanye Kenewendo go tswa Motopi, o ne a tlhalosa fa Kgosi Mankgatau e ne e le tau, a tlhalosa gore fa go le thata o ne a metsa pelo ya tau mme a lebagane le bothata jo bo fa pele ga gagwe.
A re se a neng a mo kgatlha thata ka sone ke gore o ne a tlotla molao, a na le pelo e e bulegileng, a seke a ipona tsapa go dira tiro ya gagwe.
Kgosi Kenewendo o tsweletse a supa fa Kgosi Mankgatau a ne a dirisana le dikgosi tse a neng a di eteletse pele tsa kgaolo ya Boteti Bophirima a rerisana le bone ka dinako tsotlhe go tsamaisa merero ya kgaolo.
Kgosi Tsatsilebe Kazeremane wa Toromoja o ne a tlhalosa fa Kgosi Mankgatau a ne a itse puo, a reta tsheko ya gagwe ka mafoko.
Kgosi Kazeremane a re ba latlhegetswe ka Kgosi Mankgatau e ne e le monna yo o neng a itse go bua le batho, a itse kgang e bile a itse go baka motho.
Kgosi Barontshi Kegapetswe wa Letlhakane ene o ne a kaya fa Kgosi Mankgatau e ne e le mohudi wa tlhobolo e bile e le setswerere sa metlae.
O tlhalositse fa e ne e le motho yo o neng a kgona gore fa go didimetse a tlhadie puo ka leina la gagwe le bompe jwa gagwe mme batho ba tshege.
Mothusa mokwaledi wa khansele, Mme Ndidza Molatole o ne a tlhalosa fa Kgosi Mankgatau a ne a seke a ipona tsapa go tsaya karolo mo tirong nngwe le nngwe ya kgaolo ya gagwe ka a ne a nna a le teng ka nako tsotlhe go rurifatsa gore tiro e tsamaya sentle.
A re Kgosi Mankgatau o ne a gokaganya batho go netefatsa gore go nna le tirisano.
Mookamela mapodisi a kgaolo ya District No 8, Mme Sarah Gabathusi a supile fa Kgosi Mankgatau e ne e le motho yo o neng a ba fa dikgakololo e le ba sepodise.
Mme Gabathusi a re Kgosi Mankgatau o ne a ba ema nokeng ka nako tsotlhe, a tshwaraganela tiro le bone ka lentswe la setsadi.
O kaile fa a ne a nna a ba lekodisa seemo sa motse ka nako tsotlhe, a gatelela gore e ne e le motho yo o neng a rata go bereka le batho.
O supile fa e ne e le moeteledipele wa popota yo o ikanyegang, a dira tiro ka tlhamalalo a na le morafe wa gagwe a o beile kwa pele.
Rre Stephen Engliton yo e neng gape e le tsala, o ne a boka Kgosi Mankgatau a mo kaya fa e ne e le senatla.
Rre Engliton o supile fa a ne a hula ditau le Kgosi Mankgatau fa di senyetsa morafe, a tlatsa ka go re o tshwere motse wa Rakops ka boleele, ka thomo ya Modimo.
Morafe o ne wa rekela kgosi dimpho tse di farologaneng tse di akaretsang setsidifatsi, ditilo, thobane e e ikokotlelang, le dikete tse supa tsa dipula le makgolo a fera bobedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandy Tebogo
Location : LETLHAKANE
Event : Moletlo wa tsamaya sentle
Date : 07 May 2018






