Magodu a leruo a tlhakaladitse kwa Kang
07 May 2018
Barui ba Kang mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba lela sa ga Ragele ka magodu a dikgomo a tsentse lesukuru, ba tswala masaka a bone ka matlhaku.
Seo se builwe ke Kgosi Basadi Seipone mo potsolotsong le BOPA, jaaka a ne a tlhalosa fa ba tshwentswe ke go gola ga dipalo tsa bogodu jwa leruo, segolo bogolo dikgomo..
“Magodu ao, ga a utswe a tsaya fela. A utswa le motshegare letsatsi le penne,” ga tshwaela Kgosi Seipone.
A re ba itemogetse gore dikgomo tseo, di utswiwa kwa letsheng mme se se ngomolang pelo ke gore magodu a mangwe ba di utswa fa gare ga motse fa tankeng ya sekole se segolwane sa
Matsha, ka metsi a a tshologang foo, a oka leruo go tla go nwa.
Kgosi o kaile fa monongwaga ofisi ya gagwe e amogetse dikgang di le mmalwa tsa bogodu jwa dikgomo mme tse dingwe di santse di tlhotlhomisiwa ke mapodisi.
O tlhalositse fa banni ba ikaegile ka thuo, segolo bogolo ka dikgomo, a re dikeletso tsa barui di tlaa felela di phirimile mme go felele go amile le yone itsholelelo ya lefatshe.
O ne a gakolola barua-kgomo le setshaba ka kakaretso go rekegela mokgosi wa mapodisi wa go tlhama mekgatlho ya ntebele ke go lebele, e le tsela ya go ka itepatepanya le seemo se.
O ba kopile gore fa ba ka bona motho a gateletse dikgomo tse e seng tsa gagwe ba lome mapodisi tsebe ka bofefo.
O ne a gakolola barui go tlhokomela leruo le go tshwaya le go tshuba leruo le santse le le lennye.
A re ga ba a tshwanela go baya mo badiseng fela, ka bangwe ba bone ba sa ikanyegeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Michael Matebele
Location : KANG
Event : Potsolotso
Date : 07 May 2018






