Breaking News

Mzwinila o kopa morafe kemonokeng

07 May 2018

Mopalamente wa Mmadinare e bile e le tona wa tlhokomelo lefatshe le kgopho ya metsi a a leswe, Rre Kefentse Mzwinila o kopile morafe go tsenya letsogo mo maitekong a a dirwang ke banana ba Mmadinare.

Rre Mzwinila o ne a bua kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke ba Mmadinare Meat Festival go abela bana ba le lesome dijo le didirisiwa tsa go tlhapa kwa kgotleng ya Mmadinare.

O tlhalositse fa a ne a nna le kgatlhego fa banana bangwe ba Mmadinare ba supa fa ba na le mogopolo wa go dira moletlo ka paseka kwa ba tlaa bong ba kopana teng e le banana go bua ka dikgang tse di ba amang le ka fa ba ka tlhabololang motse wa bone ka teng.

Rre Mzwinila o tlhalositse fa moletlo wa Mmadinare Meat Festival o simologile ngogola mme o setse o supa kgatelopele ka go kgaogana lemme le ba le boneng le ba ba tlhokang a re se, se supa mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko.

O supile fa serodumo sa moletlo oo, se gola ebile o setse o gapile maikutlo a ba le bantsi ka ba supile kgatlhego go tsena moletlo mo nakong e e tlang.

Rre Mzwinila a re se se dirilweng ke banana ba Mmadinare Meat Festival, ke go supa kgolo le boikarabelo mo go tlhabololeng motse wa bone le go ama matshelo a ba ba tshelang le bone mme a kopa dikompone go ba ema nokeng.

Mongwe wa barulaganyi ba moletlo, Mme Mositi Othusitse a re keletso ya bone ke go ngoka banana ka dipalo tse dintsi, maitlamo magolo e le go fokotsa botlhoka tsebe jo bontsi ka nako ya paseka.

Mme Othusitse o tlhalositse fa moletlo wa meat festival o sa rotloetse banana go dira ditiro dipe tsa go tlhoka tsebe mme maikaelelo e le go rutana ka tsa ngwao le tse di amang matshelo a bone.

O supile fa go abela ba ba tlhokang e le tshimologo ya tse dintle tse ba eletsang go di direla banni ba Mmadinare le metse e e mabapi.

A re moletlo ga o solegele banana molemo ba le nosi, mme le bagwebi ba ba botlana ba nna le sebaka sa go rekisa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 May 2018