Breaking News

Barata tikologo ba phepafatsa kgotla ya Talaojane

07 May 2018

Mokgatlho wa Barata Tikologo Environmental Group kwa Serowe ba ne ba ipha matsapa ka Labotlhano go phepafatsa kgotla ya Talaojane ka tikologo e e leswe e le borai mo botsogong.

Mothusa mokwaledi wa mokgatlho, Mme Tshepo Mphoeng a re ba gwetlhilwe ke gore kgotla ya Talaojane e bapile le mmolo.

A re ka gore batho ba ralala dijarata tsa kgotla eo, ba tsamaya ba latlhela matlakala gongwe le gongwe mo tikologo e felelang e sa lebege gape go nna borai mo matshelong a bone ka go ka felela go ba tsenya malwetse.

Mme Mphoeng a re mokghatlho wa bone, ga se o o dirang dipoelo, ka jalo ba thusiwa ke khansele potlana ya legare ka didirisiwa di tshwana le dipampiri tse di tsenyang matlakala le diatlana.

A re ba setse ba phepafaditse dikgotla di akaretsa ya Basimane boo-rra Boiditswe, Mphelane, Malela le Mhapswa.

O supa fa go itumedisa gore mokgatlho wa bone o bo o na le banana ba le bantsi.

Kgosi Oliver Sebele wa Talaojane o lebogetse tirisano mmogo ya bogosi le morafe mo dikgannyeng tsa go phepafatsa tikologo.

A re e setse e le selo modiro gore Labotlhano wa ntlha mo kgweding ke letsatsi la go phepafatsa tikologo le dijarata.

Kgosi o supile fa morafe o setse o itse botlhokwa jwa bophepa mo botsogong jwa motho, le go ruta bana fa bophepa e le konokono mo botshelong jwa bone le gore ba tshwanetse go nna phepa ka dinako tsotlhe.

Mokhanselara wa Kgosing, Rre Lesego Raditanka o lebogetse Barata Tikologo go supa fa ba tshwenyegile ka tikologo e e sa nnang sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Letsatsi la phephafatso

Date : 07 May 2018