Breaking News

Moroki o anywa botsipa

07 May 2018

Mme Mothaile Piet, moroki go tswa kwa Molepolole ke mongwe wa bagwedi ba ba neng ba tsaya Setswana se se reng tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng ka tlhoafalo go tokafatsa botshelo jwa gagwe ka go dira se a se rutilweng ke motsadi wa gagwe.

Mo potsolosong le BOPA, Mme Piet wa dingwaga tse di masome marataro le motso, o kaile fa a simolotse go rutwa go roka ke mmaagwe a sale mmotlana pele ga a ka simolola mophato wa ntlha.

A re se e ne e se matsapa ka dilo tsa maloba di ne di le motlhofo ka nako tsa teng ba ne ba santse ba reetsa batsadi ba bone.

A re morago ga go anywa bokgeleke le botswerere jwa go roka mo go mmaagwe, o ne a seka a tlhola a leba kwa morago, mme a tswelela ka go ithuta go loga ka methale e mengwe jaaka go dirisa lemao le motshine go ikoketsa.

Mme Piet o supile fa mmaagwe a ne a mo rutile go loga a dirisa ditlhokwa le tlhale fela.

A re mo nakong ya gompieno go loga go setse go le mo mading a gagwe mo a sa kgoneng go nna fela ka mabogo.

A re o loga dilwana di tshwana le mebese, dikete, dijesi le yone mesese tota.

O boletse fa e ne ya re go lemogeng bokgoni le botswerere jwa gagwe, a reka motshine go fefosa thoko ya gagwe,  mme a simolola go roka mesese e e itsegeng ka leina la ‘basadi botlhe’ le tsone dikhiba tota.

A re seo se ne sa mo fa sebaka sa go somarela se a se kwataboloditseng mo motsading wa gagwe ka jaanong a ne a dira se se gaufi le pelo ya gawe ka bonako e bile tema e bonala.

O boletse fa go roka ka motshine go ne go mo tsenyetsa letseno le le botoka go na le fa a dirisa lemao.

A re bopelotelele jo mmaagwe a bo supileng mo go ene, bo mo pepetleditse ka mo nakong ya gompieno a ipelela go bo e le moroki yo o duleng diatla ka e bile a setse a kgona go rokela barotloetsi ba ditlhopha tsa kgwele ya dinao, dikopelo le dikereke paka ya tsone ka go farologana.

Mme Piet a re le ntswa a rokela mo Molepolole, bareki ba gagwe ba aname le lefatshe ka bophara, a supa fa a kgona go amogela megala ya batho ba ba nnang kgakala ba ba batlang go segelwa.

O ne a tlhalosa fa bana ba bana ba gagwe ba mo bapaletsa dilwana mo maranyaneng a Facebook mme se se mo tsisetsa bareki.

O tlhalositse fa a tsenya letseno thata ka paka ya mariga ka batho ba a bo ba batla go logelwa dilwana tse di bothitho.

Mme Piet a re e sale a simolola go roka le go loga, ga a ise a tsenelele dipe dikgaisano le fa e le tsone ditshupo, mme a kaya fa monongwaga a ikaelela go di tsenelela gore a tle a ipapatse sentle le gone gore serodumo sa kgwebo ya gagwe se gole.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boago Gaoatswe

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 07 May 2018