Go tshela ka bo-na-le bogole ga se sekgoreletsi
07 May 2018
Go tshela ka bogole ga se sekgoreletsi mo botshelong, ka motho a ka kgona go dirisa botsipa jwa gagwe go ka itshela metsi mo ganong.
Se se builwe ke Rre Tibere Tlhogo wa dingwaga tse di masome marataro le bosupa yo o tlholegang kwa Lokgwabe, jaaka a ne a tlhalosa fa go tshela ka bogole jwa go tlhoka maoto go sa mo kgoreletse mo botshelong go ka itirela ka diatla.
O tlhalositse fa a itshetsa ka go suga le go roka matlalo, mme a supa fa botsipa joo a bo anywile ka nako ya fa ba lephata la thuto ga e golelwe ba ne ba mo isa kwa dithutong tsa go roka diaparo go dirisiwa matsela.
Rre Tlhogo a re ka maswabi, o ne a seka a kgona go ka tsweledisa go roka matsela ka jaana a ne a sena dirisiwa tse di rokang.
Ka jaana lerato lwa gagwe le ne le phophoma mo thokong ya matlalo, ka lesego ba khansele -potlana ya Hukuntsi ba ne ba mo romela kwa sekoleng, go ya go ithuta go suga matlalo.
A re ga a ise a lopiwe dituelo dipe mo ithutuntshong eo, a re ntswa a ne a tla a na le kitso ka matlalo, o fetile a ithuta go le go ntsi, mme khansele ya nna ya mo tsamaisa tshipidi tonto le gone go mo thusa go bapatsa dithoto tsa gagwe.
O tlhalositse fa dithoto tse a di dirang di akaretsa diphate, mabante, dihutshe le ditlhako tse gantsi di tsewang ke bone ba khansele le ba thuto ga e golelwe go ya go di supa kwa ditshupong, tse a tlhalosang fa gantsi di kgatlha matlho a bareki.
A re le fa go le jalo, o kopana le dikgwetlho ka jaaana ene a dirisa matlalo a dipodi le dikgomo mme a supa fa bontsi jwa bareki ba rata matlalo a diphologolo tsa naga.
Are ka go tlhoka lesego, ga a na teseletso ya go gweba ka matlalo a diphologolo tsa naga, selo se a reng se ama tiro ya gagwe.
Le fa go ntse jalo, a re o tsentse kopo kwa go ba lephata la boipelego go mo tswa thuso ka lenaneo la nyeletso lehuma.
A re ka lenananeo la lenyetso lehuma o ka kgona go rekelwa didirisiwa tse a di tlhokang ka jaana letlalo le na le mmereko o montsi go le dira gore le nne mo seemong sa go dirisiwa go sega, ka go batla boitseanape le didirisiwa tsa maemo a ntlha.
O ne a tlatsa ka go re o kopile gape gore ba mo thuse ka teseletso ya go gweba ka matlalo a diphologolo, ntswa go tsaya lebaka gore ba mo fe phetolo.
O supile fa a kile a tsenelela dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona ka ngwaga wa 2015, mme a ne a kgona go tsaya maemo a bobedi mo kgaolong, le fa a ne a sa dira sentle kwa legatong le le kwa pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Othusitse Letlotlo
Location : LOKGWABE
Event : Potsolotso
Date : 07 May 2018






