Basha ba fetola tsamaiso ya botsetsi - Mokhobe
07 May 2018
Mme Gakenne Mokhobe wa dingwaga tse di masome a supa le boraro kwa Khekhenye o supile matshwenyego ka fa basha ba fetotseng botsetsi ka teng.
E rile a bua mo potsolotsong, lebutswa-pele leo lene la supa fa matshwenyego magolo ele go tlhoka go nna mo ntlong le go tlhoka go ikilela ga basha fa ba le mo botsetsing mme a re se se dira gore bana ba tshabelelwe ke malwetsi a tshwana khujwana.
Mme Mokhobe one gape a kaya fa go tlhoka go ikilela go le gontsi mo botsetsing ja segompieno ka jaana ntlo ya motsetsi e kgona go tsenwa ke mongwe le mongwe.
A re se se ngomolang pelo ke gore diphetogo tse, di tsile jaana le mororo peo ya botsetsi mo nakong ya segompieno e ne e ka nna motlhofo ka jaana go na le dilo tsa sesha jaaka matlwana a boitiketso a a mo ntlong le metsi tota.
Mme Mokhobe a re mo nakong ya bone go ne go le thata ka jaana motsetsi a ne a sa tshwanela go bonwa kwa ntle ntswa go ne go sena ditlamelo tsa go nna jalo.
O kaile fa mo nakong ya gompieno ngwao ya botsetse e nyeletse ka go feteletse sekgowa se sentsi, a kaya fa botsetse bo sa tlhole bo ilelwa jaaka pele.
O ne a supa fa mo malatsing ano monna a kgona go baya mosadi wa gagwe botsetse, a kaya gape fa gompieno banna ba kgona go tsena mo ntlong fa mme a belega, selo se a se kaileng e le seemo se se sisimosang mmele.
Mme Mokhobe o gateletse fa ditlhabololo tsa maranyane e le tsone di tlhakatlhakantseng dilo le go feta, jaaka fa ngwana a kgona go tsewa dinepe fela fa a sena go belegwa mme a tsenngwe mo maranyane jaaka Facebook.
O kaile fa malatsi ano motsetsi a nna mo ntlong selekanyo sa malatsi a a a filweng kwa tirong mme morago a tswe, a supa fa se se na le seabe mo go nyeletseng ngwao ya botsetsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boago Gaoatswe
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 07 May 2018






