St John e tshwere dikgaisanyo tsa moopelo wa sedumedi
07 May 2018
Kereke ya St John ya kgaolwana ya Palapye e simolodisitse moopelo wa sedumedi kwa Palapye, ka banana ba yone ba khwaere ya Bana ba Lesedi o o bidiwang Clap and Tap Extravaganza.
Meopelo o o neng o ngokile dikhwaere tse dingwe tsa kereke eo go tswa Maung le mafelo a mangwe, le dikhwaere tsa dikereke tse di neng di laleditswe kwa dikgaisanyong tsa moopelo tsa ntlha tse maikaelelo a tsone e leng go kgobokanya madi a a tlaa thusang mo go agweng ga kereke ya kgaolo ya Palapye.
Maikaelelo magolo a moopelo oo, ke go itebaganya le twantsho tiriso ya ditagi le botlhoka tsebe jwa banana.
Mothusa tona wa lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo, yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Palapye, Rre Moiseraele Goya a re lekwalo la ga Samoele wa bobedi, kgaolo ya bosupa temana ya botlhano la re ‘ya o ree motlhanka wa me Tafite o re Jehofa o bua jaana a re a o tlaa nkagela ntlo ya go tla ke aga mo go yone’ fa ya borataro e re, ‘go nne e sale ka letsati le ke ntshitseng bana ba Iseraele mo Egepeto ka lone, nako ke eno ga ke ise ke age mo ntlong, ke ntse ke tsamaya mo mogopeng le mo motlaaganeng fela.”
Rre Goya a re mafoko a, a lebane gore a e le ruri go tlaa arelwa Jehofa ntlo e a tlaa nnang mo go yone mme tumelo ya gagwe ke gore ke one maikaelelo a bone e le banana go aga ntlo ya kobamelo.
A re letsema le thata ka mong, ba dire dipampitshana tse mo go tsone mongwe le mongwe a tlaa ithaopelang go ntsha setena ka maikaelelo a go agela Jehofa, mme ene a rotloetsa ka go ntsha P1 000 e le tsimololo ya loeto lwa kago ka go reka setena.
Mogolowane go tswa kwa khamphaneng e e dirang ditena ya Makoro, Rre Nicholas Moupanaga o tlhalositse fa go tswa goo-lowe, ’sika loo motho le tshela ka mofufutso wa phatla, go ntse go na le ba-tswa setlhabelo ba ba neng ba swela dibe tsa mongwe le mongwe gore a bolokwe.
Rre Moupanaga a re ditsamaiso le kotlhao di ne di le teng go ruta le go rotloetsa ’sika loo motho gore le seka la swela mo dibeng.
A re setlhogo sa bokopano joo sa Maoto a Nong ke Phofa, se lebane ka banana e le bone ba amegang bobe mo go timelelweng ke tsela mme ba iphitlhele ba inaakantse le ditiro tse di duleng mo tseleng, mme ka meopelo, ba ka agwa gore ba tswele kereke mosola ka go dira jaaka ba simolotse jaana.
Rre Moupanaga o gateletse botlhokwa jwa go itsaya tsia ga banana, go tlotlana le go tlotla bagolo gore ba kgone go tsholetsa serodumo sa kereke mme a re ba ka kgona go dira jalo ka go nna le lerato ka ke lone le ka ba bayang mo seemo sa go tlhaloganya le go itse bogolo jwa Modimo.
O rotloeditse tiriso ya mananeo a puso go itlhabolola, mme a ikabela kereke go e ema nokeng mo kagong.
Bishop Titus Makosha ene a re e le baphuthegi ba kereke ya St John, ba eletsa go bona ba aname go ngokela banana mo tumelong le go ba lemotsha ka bogolo jwa Modimo.
A re kereke e tshwenngwa ke boitsholo jo e seng jone jwa banana.
A re mme fa ba ka amogela Keresete ga bana ba tlhola ba boela botshelo joo.
Bishop Makosha a re Palapye o gola thata mme kgolo eo e tla ka di-tla morago tsa gore jaanong e nna makgatlhanela thapong, ditshaba di kopana ka dingwao le mekgwa e e farologanyeng mme mophato o o amegang bobe e nne banana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Dikgaisano tsa moopelo
Date : 07 May 2018






