Breaking News

Magalagala o somarela tikologo ka go dirisa matlakala

06 May 2018

Puso e tswa kgakala e rotloetsa gore matlakala a ka busediwa mo tirisong go somarela tikologo. 

Ka jalo, se se ne sa gwetlha bangwe go tsaya seo e le tsela nngwe e ba ka itshetsang ka yone mme ba dirisa matlakala a tshwana le dikhakha, ditsiri, dipampiri, ditshipi le tsone dithaere le mabotlolo tota. 

Monana wa dingwaga tse di masome mararo le bone, Rre Kutlo Magalagala, o boletse mo potsolotsong gore e ne ya re go lemoga fa a na le bokgoni jwa go dira ka diatla, a inaakanya le go dira mekgabisa e e farologanyeng ka dithaere. 

O tlhalositse fa a ne a lemoga gape fa kgwebo ya go nna jalo e le bogadi bo gaufi, ka jalo a simolola go e tsaya ka tlhoafalo.

Rre Magalagala a re dithaere di gongwe le gongwe ka jaana bontsi jwa batho ba di latlha fa ba sena go tsenya tse disha. 

Ka jalo, a re o kgobokanya dithaere tse di kgologolo mme a dire dipoto tse di jwalelang ditlhare, dingwe o kgabisa ka tsone kwa dikoleng tsa bananyana. 

E re ka Setswana se re metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati, o ne a bona go tshwanela go dirisa dithaere go dira mekgabisa, ditilo le tse dingwe e le tsela nngwe ya go somarela tikologo le gone go itshetsa. 

A re o reka dithaere tse di onetseng fa tse dingwe a di tsaya kwa lefuting la matlakala mme a dire mekgabisa yotlhe, go tswa fela go re bareki bone ba batla eng. 

Monana yo o tlwaelesegileng ka go bidiwa Mr Flower Pots, a re o tswa kgakala le tiriso ya dithaere mme e bile o bapatsa kgwebo ya gagwe fa thoko ga tsela gore bareki ba di bone. 

Go lebega fa monana yo, a sa tsaya fa fatshe, mme se a se amule mo go rragwemogolo yo e neng e le mmetli. 

Monana yo ke seopedi le sebini, mme ka a ne a lemoga fa se se sa mo solegele molemo, a inaakanya le go itirela ka diatla. 

E re le ntswa a re kgwebo ya gagwe e a nametsa e bile o a rekelwa, Rre Magalagala a re keletso ya gagwe ke go ipona a godile a na le sepalamo gore a kgone go etela mafelo a a kgakajana go ya go ipapaptsa le go rekisa. 

Gape o eletsa go gola le go thusa banana ba bangwe ba ba mo mekgwatheng. 

O ne a supa gape gore o eletsa go dirisa mekgabisa e mengwe jaaka ya matsela gore a tswelele ka go kgatlha matlho a bareki. 

A re se se nametsang gape ke gore o kgona go thapiwa kwa dikolng tsa bananyana go di kgabisa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonte Seepi

Location : PALAPYE

Event : potsolotso

Date : 06 May 2018