Breaking News

Kereke e abela bana

06 May 2018

Maloko a kereke ya Bantu Church of Christ, ba abetse bana ba dingwaga tse pedi go ya go tse di lesome le bone ditshwantsho tse ba tshamekang ka tsone. 

E rile a amogela baeng kwa tirong eo, Mme Neo Puleng a supa fa se ba se dirang e le lorato, a supa fa e le ngwaga wa bobedi ba ntse ba dira tiro eo. 

Mme Puleng o boletse fa ba fetisetsa lorato le ba nang le lone kwa baneng jaaka ba le rutilwe, a bo a tlhalosa fa ba tlaa tswelela ba dira jalo. 

Modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Motokwe, Bishop Tuelo Kelebeng o ne a supa fa ba leboga motsadi mongwe wa Moamerika yo o neng a gwetlhega go rekela bana ditshwantsho tse ba tshamekang ka tsone. 

O kaile gape fa a lebogela ba kereke ya Bantu go bo ba godisetsa bana mo tumelong ya Sekeresete, a supa fa bana ba ba godisediwang mo Sekereseteng ba gola sentle, e bile ba sa tsoge ba tsenya mapodisi dingalo. 

Rre Teko Kemofetile o kopile batsadi gore e re fa ba ya dikerekeng ba seka ba romela bana kwa merakeng. 

Rre Kemofetile o kopile batsadi go tlhokomela bana, a supa fa bana ba ba sa tshwarweng sentle fa ba gola ba tswa mo tseleng. 

Tona wa thuto e kgolwane e bile e le mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka, o ne a tlhalosa fa puso e tshwaragane le bothata jwa bana ba ba ingaotseng mo tsamaisong ya batsadi le ya puso. 

O tlhalositse gore se kereke ya Bantu e se dirang ka go abela bana e le go ba aga ba sale bannye, a bo a supa gore go ikgolaganya ga bone le ba mafatshe a sele go ba abela dimpho ke tiro e ntle. 

O kopile ba kereke eo go tswelela ba aga bana ba sale bannye gore ba tle ba gole ba sa nwe bojalwa le go goga motokwane. 

Tona o tlhalositse fa lekwalo la ga Diane kgaolo ya ntlha, temana ya bosupa le tlhalosa fa poifo Modimo e le tshimologo ya botlhale. 

O kopile botlhe ba ba batlang botlhale go ikatumetsa Baebele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : MOTOKWE

Event : kabo dimpho

Date : 06 May 2018