Breaking News

Morafe o lela ka tiego ya ditsha

06 May 2018

Morafe wa kgaolo ya Nkange o ngongorega ka tiego ya go aba ditsha tsa bonno ke ba lekgotlana la kabo ditsha la Tutume. 

Ba ikuetse mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu kwa Mabuwe le Senete bosheng.

Monni wa Senete, Rre Tabona Saulo a re go setse go ka tshwara dingwaga tse thataro ba lekgotla leo ba sa abe ditsha, a kaya fa se se sa ba jese diwelang ka bana ba tsofalela mo malwapeng a batsadi ba bone mo e bile ba akanya go ipaya ditsha. 

Rre Saulo o ne a supa gape fa ba sa robadiwe ke ditlou tse di uputsang masimo a bone mme go sena tharabolo a mathata ao. 

Banni ba ne gape ba lela ka metsi a a letswai, ba bolela fa ba sale ba solofeditswe metsi go tswa didibeng tsa Ntimbale mme nako kgolo ke eno. 

Mopalamente Batshu o ne a bolela fa kgaolo e tlaa nna le kago ya diofisi tsa kgotla kwa Changate ka lenaneo la go rudisa  itsholelo la ESP. 

O ne a supa matshwenyego ka tiego ya kago ya ofisi ya lekgotla la ditlhopho kwa Tutume e tiro ya yone e ka bong e weditswe ngogola ka Phalane mme e saletse kwa morago. 

Fa a ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng, o ne a bolela fa morago ga paakanyo ya molao wa tiriso bana botlhatswa, dingwaga di okeditswe go tswa kwa go tse di lesome le borataro go nna tse di lesome le borobabobedi. 

Rre Batshu o ne a bolela fa a tsamaya a tlhalosetsa batho ba kgaolo ya gagwe ka melao eo gore ba kgone go e tlhaloganya gore ba ba tlaa e tlolang ba bo ba na le kitso ya yone fa ba ka otlhaiwa. 

O ne a kopa banni go tsaya karolo mo ikwadisong ditlhopho e e tlang ka Lwetsi, ka jaana go sena ikwadiso ya tlaleletso. 

Fa a araba mangwe a matshwenyego a banni, Rre Batshu o ne a bolela fa kgang ya lekgotla la kabo ditsha e tshwenya thata, mme a solofetsa fa a tlaa kopana le ba lekgotla leo la Ngwato mabapi le tiego. 

Mo go ya go siela kgaolo metsi go tswa didibeng tsa Ntimbale, o ne a bolela fa dithulaganyo di tsweletse, mme a re fa go santse go emetswe tiro ya kwa Ntimbale ba lekalana la metsi ba tlaa tswelela ka tiro ya go thiba diphaephe tse di dutlang le go siela batho metsi. 

Rre Batshu o tsamaya le kgaolo ya gagwe go lekodisa banni ka tsa palamente e e fetileng le go tsaya megopolo mo bathong go e isa kwa palamente e e tlang. BOPA

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : phuthego ya kgotla

Date : 06 May 2018