Breaking News

Tsela ya dinao ga e jese ba Plateau diwelang

06 May 2018

Banni ba Kasane ba tlhalosa fa ba sa jesiwe diwelang ke tsela e e kopanyang Kasane le Plateau ka go bo e sa babalesega mme se se dira gore diphologolo jaaka ditlou le dinare di tshosetse matshelo a bone ka gore di kgabaganya foo.

Banni ba re tsela eo e borai, segolo bogolo bosigo ka gore e na le lebone le le lengwe fela mme e bile lebone la teng, o kgona go fitlhela le timile nako tse dingwe mme seo se beye matshelo a bone mo kotsing.

Mo potsolotsong le BOPA, mongwe wa banni ba Plateau, Rre Collen Kabisa o tlhalositse fa e le ruri tsela eo e sa sireletsega, segolo bogolo bosigo.

“Mathata a tsela e ke gore ga e a bulega, mme e bile e tlhoka dipone di le dintsinyana mo go yone ka gore e sekgwa thata, e bile diphologolo di kgabaganya teng. 

Se se ka dira gore batho ba kgone go bona diphologolo tse di borai di santse di le kgakala,” ga tlhalosa Rre Kabisa. O ne a re dinako dingwe diphologolo jaaka ditlou le dinare, di a tle di gotlhagotlhane le batsamaya ka dinao, mme ba patelesege gore ba di emele di phatlalale pele.

Rre Kabisa a re nako dingwe ba bitsa ba lephata la diphologolo gore ba tle go di koba.

A re o lemogile fa diphologolo bogolo jang ditlou di ganelela mo tseleng eo ka go na le ditlhare tse di di jang.

Monni yo mongwe, Rre Chika Chobo le ene o tlhalosa fa tsela eo e siame go dirisiwa motshegare mme maitseboa diphologolo di tshwenya mo go yone ka di kgabaganya gone foo. 

O tlhalositse gape gore tsela eo e tlhoka go bulwa gore e nne kgolwanyane ka gore diphologolo di okwa ke sekgwa. 

Rre Kabisa le Rre Chobo ba tlhalosa fa go tlhabolola tsela eo go ka sologela banni ba Kasane molemo, ka go ka fetola tebego ya Kasane, mme go godise mhama wa bojanala.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Kasane legare, Rre Sharps Munihango a re matshwenyego a tsela eo a teng le khansele ya Chobe e a itse. 

A re o setse a kile a bua ka tshireletsego ya badirisi ba tsela eo, mme ka ntata ya go tlhaela ga madi mo letloleng la khansele, ga go a tsewa kgato epe.

Mokhanselera Munihango a re le fa go ntse jalo tsela eo ke nngwe ya ditlhabololo tse puso e di tlhomileng leitlho gore fa madi a bonala e tlaa tlhabololwa ka go tsengwa dipone di le mmalwa gore badirisi ba kgona go bona diphologolo di sa le kgakala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Johnson Mabuta

Location : KASANE

Event : potsolotso

Date : 06 May 2018