Kgodiso ya ngwana konokono mo thutong
06 May 2018
Mookamedi wa mokgatlho wa Special Seed Mission, Mme Emmah Goepamang o boletse fa ngwana e le lesedi la bokamoso, ka jalo a tlhoka tlhokomelo le kgodiso e e tsepameng go tswa mo batsading.
Fa a bua mo potsolosong morago ga phuthego ya batsadi le barutabana, e e neng e tshwaretswe kwa sekolong se segolwana sa Palapye, Mme Goepamang a re mokgatlho wa gagwe o lemogile fa kgodiso ya ngwana e le namane e kgolo ya tiro e e tlhokang go tshwaraganelwa.
O boletse fa maikaelelo a mokgatlho wa bone e le go ruta bana le bagolo ka lefoko la Modimo, go sidila maikutlo le go fa dikgakololo.
A re bana fa gongwe ba na le go tlhoka tsebe ka mabaka a a farologaneng jaaka go tshelela mo tikologong e e sa siamang le go tlhoka tlhokomelo e e maleba go tswa mo batsading, mo go felelang go ba dira gore ba itsenye mo diphatseng tsa go nwa majalwa le go dirisa diritibatse.”
O ne a tlhalosa gore ke tiro ya batsadi le barutabana go tshwaraganela thuto ya bana, ka gore barutabana ba le bosi ga ba ka ke ba kgona.
Mme Goepamang o tlhalosa fa bana ba tshwanetse go rutuntshiwa ka botlhokwa jwa go tsaya dithuto tsa bone tsia.
Mongwe wa batsadi, Mme Thatayamodimo Ramokgalo o supile fa le bone e le batsadi ba tshwarisitswe bothata ke maitshwaro a bana a sa siamang a a felelang a baka kwelo tlase ya maduo. O ne a bolela fa lore lo ojwa lo sa le metsi.
A re fa batsadi ba sa godise bana ka fa go tshwanetseng ka teng, ba sa rutwe ka maitshwaro a a letlelesegang, ga go na ka fa ngwana a ka golang a na le setho ka teng, ka jalo le bone batsadi ba na le seabe.
Gape o ne a kgala batsadi ba ba kgokgontshang bana, a bolela fa bana ba sa abelwa ka go lekana, mme go na le gore motsadi a rotloetse ngwana fa a sa dira sentle, go na le go mo kgobotletsa ka mafoko a tshotlo, mo go ka se keng go thuse ngwana ka sepe.
Mme Ramokgalo o ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke batsadi ba ba rekisetsang bana bojalwa le ditagi, a bolela fa seo e le tshenyo ya bokamoso jwa bana, ka e le boikarabelo jwa batsadi go sireletsa bana.
O ne a akgola barutabana ka maiteko a ba a dirang go leka go busetsa seemo mannong.
A bolela fa ngwana e se wa motsadi a le mongwe mme e le wa batsadi botlhe, ka jalo go le botlhokwa go ba tshwaraganela.
Fa a latlhela tlhware legonyana, mogokgo wa sekole se segolwane sa Palapye, Rre Thatayaone Kefilwe o tlhalositse fa sekole se ipeetse seelo sa go oketsa maduo a sekole seo ka masome a marataro le botlhano mo lekgolong.
A re ka jalo go tlhoka gore batsadi, barutabana le baithuti ba nne seopo sengwe go kgona seelo se.
A re sekole seo, se ntse se sa dire sentle, mme ka 2016, ba tsere 37 per cent mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la JC, mme ngwaga o o latelang ba oketsa ka lesome mo lekgolong go bona 47 per cent.
A re dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ke tsa bana ba ba sa tseneng sekole sentle ka mabaka a tlhokomelo e e sa tsepamang kwa malwapeng, tiriso botlhatswa ya bana ba basetsane e e bakang boimana le go sa tleng diphuthego ga batsadi ka bontsi.
Rre Kefilwe a re le fa go ntse jalo, o akgola botsadi go utlwa mokgosi fa ba bileditswe phuthego mabapi le diemo tsa mofuta o o ntseng jaana.
O kopile gape gore ba age botsalano le bana ba bone, go bona gore ba ka thusa fa kae mo dithutong, a supa fa thuto ya ngwana e simolola kwa lwapeng, mme e se boikarabelo jwa barutabana a le nosi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kutlo Orman
Location : PALAPYE
Event : potsolotso
Date : 06 May 2018






